Breaking News

Lesea le fitlhetswe mo ntlwaneng ya boitiketso ya kokelwana

15 Sep 2020

Mapodisi a Serowe a kopa setshaba go ba batlisa mmaagwe lesea le le latlhetsweng mo ntlwaneng ya boitiketso ya kokelwana ya Moiyabana.

Mo potsolotsong, mogolwane wa mapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng, o boletse fa ngwana a fitlhetswe a tshela e bile a santse a na le thari.

A re ngwana o kwa kokelong ya Sekgoma kwa Serowe, mme o mo seemong se se nametsang.

Mapodisi a kopile morafe go ba thusa go batla mmaagwe lesea leo, yo go belaesegang a ne a baya ngwana sentle mo ntlwanang fa thoko ga setilo sa ntlwana a bo a tsena ka lenga la seloko.

Superintendent Oteng a re lesea le bonwe ke mongwe wa balwetse.

Mo go tse dingwe, Superintendent Oteng o boletse fa ba tshegeditse banna ba le bane ba ba fitlhetsweng ka setlhatshana se go belaelwang e le motokwane.

Banna ba babedi ba tshwerwe kwa Serowe ka mephuthelwana ya bokete jwa 366grams ee ka lopang P2 500.

Ba bangwe ba tshwerwe kwa Malatswai ka dikgetsana tsa bokete jwa 70g mme di ka lopa madi P430.

Borre bao botlhe ba tshwerwe kgwedi eno e le malatsi a ferabongwe. 

Ba tlaa itshupa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mo bogaufing, fa ditlhatshana tseo tsone di rometswe kwa bakanoking go bona sentle gore ke eng.

Mo go tsa go obamela melawana ya thibelo kanamo ya segajaja sa COVID-19, Superintendent Oteng o boletse gore fa e sa le go bulelwa thekiso ya bojalwa, ba tshwere barekisi ba bojalwa jwa Setswana ba le lesome le bongwe ka ba ne ba rekisa ka nako e e sa letlelelwang.

Oboletse fa ba tshwere gape ba le lesome le bo supa ka go tsamaya mo gare ga batho ba sa ipipa melomo le dinko.

Ba bo ba tshwara gape bangwe ba kgobokane kwa mabaleng a kgwele ya dinao ba le masome a mararo le borataro.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 15 Sep 2020