Breaking News

Lekgotla le gomotsa boora-Swante

14 Sep 2020

 Mokwaledi wa lekgotla la la dipalamo tsa setshaba kwa Kanye, Rre Alec Kooreke, o gakolotse bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba go kgweetsa ka keletlhoko nako tsotlhe.

O buile se fa ba isitse matshidiso kwa kwa goora-Swante ba ngwana wa bone yo e leng moithuti kwa sekoleng se segolwane sa seepapitso a neng a tlhokofala ka ntata ya kotsi ya koloi beke e e fitileng.

Moithuti wa dingwaga tse lesome le bosupa o ne a tlhokafala morago ga go thulwa ke sepalamo sa setshaba. 

“Matshelo a setshaba a mo diatleng tsa rona r ele bakgweetsi, ka jalo go botlhokwa gore re kgweetse ka pabalesego nako tsotle,” ga tlhalosa Rre Kooreke. 

A re ‘ipabalelo tseleng e ama go ela matshwao a tsela jaaka go netefatsa gore re tsamaa ka lebelo le le letlelesegang’.

Rre Kooreke a re kotsi e, e ba utlwisitse botlhoko thata. 

O supile fa ba lemoga gore thatlhegelo e e tona ka batsadi ba ne ba bo solofetse go le gontsi mo ngwaneng wa bone.

“Re le ba dipalamo tsa setshaba, re maswabi ka tiragalo e ka jalo re bona go tswanela gore re supe kutlwelobotloko ka ebile seemo se se ama batho ba re berekang le bone,” a supa jalo.

Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara wa kgaolo ya Mmamokhasi, Rre Raowane Motlhanka, o lebogetse lekgotla la dipalamo tsa setshaba go isa matshidiso kwa go ba ba latlhegetsweng.

A re ba supile mowa wa kutlobotloko ka go tshedisa lelwapa. 

Moemedi wa lelwapa, Rre Badiri Swante, o ne a supa fa ba amogela matshidiso.

“Re lebogela kgothatso ya lona, ke tiro e kgolo, e e ntle fela thata, ee maleba ka e tla jaana dipelo tsa rona dile botlhoko,” a tlhalosa jalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : MOSHUPA

Event : Tekolo

Date : 14 Sep 2020