Breaking News

Molale le Dikoloti ba lekola molelwane

14 Sep 2020

Mopalamente wa Good Hope-Mabule, Rre Eric Molale, a re puso e tshwenngwa ke gore badirela puso ba le lesome le borataro kwa molelwaneng wa Ramatlabama ba fitlhetswe ka mogare wa COVID-19.

O tlhalositse se  fa a etetse molelwane o ka Tshipi. 

Rre Molale, yo gape e leng Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, o ne a patilwe ke Tona wa Botsogo le Boitekanelo, Dr Edwin Dikoloti.

Rre Molale o tlhalositse fa badiri ba ba berekelang kwa molelwaneng o, ba dira tiro e ntle ka jalo ba tlhoka kgothatso gore ba kgone go tshegetsa ditaelo tsa ba botsogo.

A re puso e itse matshwenyego a badiri ba kopanang le one jaaka letlhoko la metsi le go tlolwa ga terata ke batho kwa melelwaneng. 

Mogolwane wa botsogo kwa Good Hope, Dr Kesentseng Kemang, a re dipalo tsa COVID-19 tse ba di kwadisitseng ke tsa kwa molelwaneng fela e seng kwa motseng.

A re fa e sa le kgwedi ya Motsheganong, ba tlhatlhobile batho ba le dikete di le le lesome le boraro, le ntswa bontsi jwa ba ba tshwerweng ka mogare e ne e le bakgweetsi ba diteraka.

Le fa go ntse jalo, Dr Kemang o kaile fa ba tshwenngwa ke batho ba ba tsweletseng ka go tlola molelwane e se ka fa molaong. 

A re ka beke ba kgona go tshwara batho ba le masome a mabedi ba ba tlolang e seng ka fa molaong.

O supile gore ba setse ba nnile le dikgang tsa batho ba fitlhetsweng ka mogare di le supa, mme botlhe e le ba ba tlotseng molelwane e se ka fa molaong.

Dr Kemang o tlhalositse fa se se baya kgaolo ka fa mosing.

Mogokaganyi wa komiti e e romilweng go lwantsha segajaja sa COVID-19, Dr Kereng Masupu, o gakolotse babereki go sala morago ditaelo tsa botsogo go hema kanamo ya bolwetse.

A re bangwe ba nna digongwana kwa ditirong fa ba bangwe ba rola dibipa molomo mme go nna le kgonagalo ya gore batho ba tsenwe ke mogare.  

Dr Masupu o kaile gore ba solofela fa ka nako tsotlhe di ofisi di phepafadiwa gore mogare o seka wa anama. 

A re go dira jalo go botlhokwa gore tiro e seka ya ema mme diofisi tsa tswala fa go nna le seemo sa mogare.

O kaile fa puso e tsweletse ka go dira thata go kganela kanamo ya segajaja. 

O kaile fa a solofela gore mo nakong e khutshwane ba tlaabo ba na le maranyane a tlhatllhobang mme maduo a tswe gone foo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : RAMATLABAMA

Event : Loeto

Date : 14 Sep 2020