Barui ba kgothadiwa go itirela dijo tsa leruo
13 Sep 2020
Mogokaganyi wa tsa temo thuo kwa kgaolong ya Bokone Bophirima, Dr Ronald Rancheke, o kgothaditse barui go itirela dijo tsa leruo go le babalela mo tlaleng.
Dr Rancheko o ntshitse kgakololo e ka Labone fa lephata le ne le rutuntsha barui ba Komana go dira dijo tsa leruo.
O supile fa dikgomo di tshwara 3 000 tsa Komana le Nxaraga di ne tsa bolawa ke leuba ngogola, mme fa a barui ba ka kgona go direla leruo la bone dijo, di ka babalesega.
Dr Rancheko a re barui ba tshwanetse go lepa seemo sa loapi le lone leuba kwa kgaolong ka go lebega pula e tla ka kgwedi ya Sedimonthole mme leuba lone le tlodisa dingwaga di ka nna tharo le bo le nna teng.
O tlhalositse fa puso e bone go le maleba go rutuntsha barui ka ditsela tsa go sireletsa leruo, a supa fa go direla leruo dijo go sa ture ka barui ba ka dirisa bojang, makorotela le dijwalo tsa tshimo tse di swabileng.
A re go botlhokwa gore barui ba tlhokomele selekanyo sa metswako ka fa ba ka fetisa dingwe di ka nna borai mo leruong.
Kgosi Omphile Bogoma wa Komana o lebogetse dithuto a bo a supa fa nako e gorogile gore barui ba ijesetse leruo go na le go baya mo mafulong a tlholego.
Rre Gaeratwe Baithutile, morui kwa Komana, a re ba lemogile fa go dira dijo tsa leruo go se turu ka ba kgona go dirisa bojang le letlhaka.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : KOMANA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Sep 2020