Orange Botswana e abile didirisiwa tsa ditlhaeletsanyo
13 Sep 2020
Khamphane ya Orange Botswana e abetse sekole se sebotlana sa Lephashe kwa kgaolong potlana ya Tutume di dirisiwa tsa tlhaeletsanyo (tablets) di le masome matlhano.
Fa a rola dimpho tseo ka Labotlhano, Mme Wame Tshaile yo o okametseng kgaolo ya botlhaba kwa Orange, a re ba mo mosepeleng o o saleng o simologile ka ngwaga wa 2018 go abela dikole tse di kgakala le ditlamelo di dirisiwa tsa maranyane go tokafatsa thuto.
Mme Tshaile a re Orange e bone go tshwanela go thusa baithuti ba ba kgakgala le ditlamelo gore ba seka ba salela morago. Khamphane e atolosa maranyane a tsa kitso gore baithuti ba le bone ba kgone go bona se se diragalang mo lefatsheng bogolo jang ka nako tse dithata tsa segajaja sa COVID-19 le go tlhabolola thuto ka boranyane.
A re ka tshwaragano le Lephata la Thuto go tswa kwa Moding le la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, ba tsweletse ka go abela dikole tse di kgakala le ditlamelo ditablets gore baithuti ba kgone go ithuta ka tiriso ya maranyane.
A re mo godimo ga tse ba di abetseng sekole, Orange e tlaa tlhatlhelela barutabana ka go dirisa ditablets go nna nngwe ya di dirisiwa tse ba di dirisang fa ba ruta.
Mme Tshaile a re ba setse ba abetse dikole di lesome le borobabobedi go balelwa le sa Lepashe ditablet di le 900.
Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Tutume, Rre Uyapo Mafunye, a re puso e tshwentswe ke ditiragalo tse di diragetseng bosheng tsa baithuti ba ba kgokgontshang barutabana.
A re seo se supa fa batsadi bangwe ba sa diragatse seabe sa bone sa go godisa bana ka Setswana se re ‘lore loojwa lo sa le metsi.’
“Kgalemelang bana batsadi re a le kopa,’’ ga tlhalosa Rre Mafunye.
A re khansele e santse e tlhaelelwa ke madi go oketsa matlo a borutelo mo dikolong, ke kamoo go sa ntseng go na le baithuti ba ba rutelwang ka fa tlase ga ditlhare.
A tlatsa ka gore seo se seka sa ba kgoba marapo, mme ba tswelela ka go ntsha maduo.
O ne a lebogela Orange Botswana tiro e ntle e e dirileng, a re mo thulaganyong ya bone ba seka ba lebala kgaolo ya bone, ka go santse go na le dikole tse di kgakajana jaaka sa Tsokatshaa tse di tlhokang thuso.
Moithuti wa sekole sa Lepashe, Boago Makale, o ne a galaletsa Orange go bo e ba gopotse ka dinako tse dithata ka ba ipaakanyetsa go kwala ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa mo dibekeng tse pedi tse di tlang.
Boago a re ba ntse ba sokola fa ba batla go dira dipatlisitso mo maranyaneng ka megala mengwe ya ditlhaeletsanyo e sa tshware mkwa motseng oo, bogolo jang Orange le Mascom.
Mokhanselara wa kgaolo ya Mosetse, Rre Ntshima Jimane, o ne a leboga tiro e ntle e e dirilweng ke Orange.
Rre Jimane a re kwa Lepashe ga ba kgone go dirisa megala ya Orange, a re mme seo ga se a ka sa itsa Orange Botswana go abela sekole seo.
A re seo se ba fa tsholofelo ya gore motlha mongwe ba tlaa kgona go dirisa mogala oo wa Orange le go boloka madi.
Mokhanselara o boletse fa sekole seo se sa dire sentle mo maduong a sone a ditlhatlhobo, ka jalo a re dimpho tseo di tlaa thusa go tokafatsa maduo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : LEPASHE
Event : Kabo dimpho
Date : 13 Sep 2020