Breaking News

Bana ba Kalakamati ba thusa go katolola letamo

13 Sep 2020

Banni bangwe ba Kalakamati ba ba direlang kwa ntle ga motse oo ba ntshitse P8 500 gore komiti e katolole letamo.

E ne ya re ka Matlhatso ba araba selelo sa motse ka go ntsha madi a a neng a setse go duela konteraka go wetsa tiro ya go epolola letamo.

E rile a bua kwa kabong ya madi ao, moeteledipele wa setlhopha sa baithaopi, Rre Boikanyo Mmolawa, a tlhalosa fa e rile ngogola ba amogela molaetsa gore batsadi ba kopa thuso ya madi a a ka duelang konteraka, ka jalo ba itlama gore ngwaga o ba tla ikgobokanya.

O tlhalositse fa e ne ya re ka Phukwi monongwaga, ba simolola go itshwaraganya le batho botlhe ba Kalakamati ba ba berekelang kgakala gore ba kopanele moono o.

Rre Mmolawa a re mo dikgweding tse tharo, ba ne ba thulanya ditlhogo go kgobokanya madi go fitlhela kwa seelong sa P8 500.

O akgotse botlhe ba ba tsereng karolo ka go ntsha madi, a supa fa e le maiteko a a kgatlhisang le fa nako e ne e le khutshwane go a kgobokanya.

Rre Mmolawa o kgothaditse basha gore mo nakong ee tlang, e nne bone ba ba gogang mananeo a ditlhabololo mo motseng kwa pele, go na le go emela bagolo gore ba kope thuso mo go bone.

O buile fa maikaelelo a bone e le go tsweledisa tlhabololo ya letamo le le kwa bophirima jwa motse.

E rile a amogela mpho e, modulasetilo wa komiti ya letamo, Rre Ernest Masala, a tlhalosa fa bana ba Kalakamati ba bone botlhokwa jwa go tlhabolola letamo le le gautshwane le motse morago ga gore batsadi ba supe fa ba tlhaelelwa.

A re maikaelelo a bone e ne ele go katolola mmu le go oketsa sekgala sa lone le go tsosa terata.

Rre Masala a re fa nako e ntse e tsamaya, ba ikaelela go reka mokoro gore ba o epele kwa ntle ga letamo go nosa dikgomo, go itsa go kgotlelesega ga letamo.

O tlhalositse fa e rile ngogola morafe wa ikana go ntsha madi go katolola letamo mme ba tlhaelelwa go goroga kwa seelong sa P16 400 se se lopilweng ke konteraka.

Modulasetilo o tlhalositse fa konteraka e ne ya epa mme ya seka ya wetsa tiro ka ntlha ya pula, ka jalo ba dumalana gore e tlaa wetsa tiro fa ba sena go kgobokanya madi aa neng a saletse kwa morago.

Rre Masala a re kgwetlho e tona mo motseng ke gore letamo le lengwe le kgakala, ka jalo o lebogetse batho ba Kalakamati ba ba ntshitseng madi a tlhomamisa fa tiro e tla a wela.

Mokhanselara wa Kalakamati, Rre Zibani Mbalambi, o akgoletse batho ba Kalakamati, a supa fa e se mang le mang yo kgonang go simolodisa sengwe se be se wele.

Rre Mbalambi o buile fa a utlwile gore matamo a mabedi a mo motseng a tsisitse kgotlhang, ka jalo a kopa gore kgang e e rarabololwe, ka bana ba motho ba ka se kgaogangwe ke matamo.

A re ditlhabololo tsotlhe mo motseng ke tsa mongwe le mongwe eseng tsa ga ope, ka jalo a sa bone mosola wa gore batho bangwe ba kgale mogopolo wa go katolola letamo le.

O akgoletse bana ba motse wa Kalakamati go bo ba kgobokantse madi ao, a ba kgothatsa go tswelela ba emela ditlhabololo ka dinao.

 

Rre Mbalambi o buile fa letamo le le beilwe fa go leng gontle thata ka le dikaganyeditswe ke dithaba a tlatsa ka gore se ke yone nako ya go le tlhabolola go nna lefelo la bojanala. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : KALAKAMATI

Event : Kabo dimpho

Date : 13 Sep 2020