Breaking News

Dipheko o itshetsa ka ditlhogo

13 Sep 2020

Monni wa Maralaleng kwa kgaolong ya Kgalagadi, Mme Mmakgwedi Dipheko (51), o tsere tshwetso go simolodisa kgwebo ya go apaya le go rekisa ditlhogo le ditlhako tsa dipodi le dikgomo.

Mme Dipheko a re o ne a tlelwa ke mogopolo wa go karapa ditlhogo le ditlhako tsa dipudi a bo a di apaya ka maikaelelo a go itshetsa.

A re ga se botlhe ba ba itseng go karapa ka bangwe ba supa fa morago ga go tlhaba, ba ntsha letlalo lotlhe le kwa tlhogong tota.

O supile fa a sa ngongoregele ka fa kgwebo e dirang ka teng.

Mme Dipheko, yo o direlang kwa tsabong, o boletse fa ka nako ya kiletso mesepele ntateng ya go thibela kanamo ya mogare wa corona, a ne a nna le dipoelo tse di botoka thata ka a ne a rekisetsa badiri ba ba neng ba le mo tirong, mme ba se na nako ya go apaya.

A re bomme ba bangwe ba ne ba mo hakgamalela ba re o dira tiro e go tlwaelesegileng e dirwa ke basadibagolo kwa kgaolong ya Kgalagadi ebile gantsi ba e dira kwa dintshong le kwa manyalong.

O kaile fa a rata se a se dirang ka ebile a lemogile fa bontsi bo rata nama ya tlhogo, bogolo jang borre ka e le bone ba rekang ka dipalo tse di kwa godimo.

A re maranyane a Facebook a mo thusitse go ipapatsa ka jaana a setse a na le bareki kwa Jwaneng ba ba mo leletsang mme a dumalane le bone go ba romelela ditlhogo tse di karapilweng ka base.

A re tlhwatlhwa ke P50, tlhogo e tswa le ditlhako tse di karapilweng fela kana di bududule.

Mme Dipheko a re ga a tlhaole tiro epe ka o a bo a lebile gore bana ba gagwe ga ba kake ba wela mo isong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 13 Sep 2020