Breaking News

Balemi ba kopa go rerisiwa

13 Sep 2020

Banni ba Paje, Serowe le Mabeleapudi kwa kgaolong ya Legare ba lela ka se ba reng ke go tlhoka morero mabapi le go dirwa ga tsela ya Mabeleapudi/Taukome ee ralalang masimo a bone.

Ba ntshitse ngongora eo mo phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke lekgotla le le potlana la kabo ditsha la Paje, lephata la ditsela la khansele potlana ya Serowe le lephata la temo-thuo kwa Mabeleapudi ka Labone.

Balemi ba boletse fa tsela e sa le e simolotse go dirwa ka kgwedi ya Seetebosigo mme ba sa rerisiwa fa e tlaa ralala masimo a bone.

Bangwe ba boletse fa moalo wa tsela o jele bontlha bongwe jwa masimo a bone, fa a mangwe e a raletse ka bogare. 

Le mororo ba nyoretswe tlhabololo ya mofuta o, ba re sepe sa phiri ke gore maphata a a lebanyeng a tsere tshwetso ntle le go rerisa ba ba amegang.  

Ba re tumelo ke gore ba masimo a amegileng ba tshwanetse go phimolwa dikeledi kana ba fiwe thuso nngwe.

E rile a tsibogela selelo sa balemi ba, mothusa mogolwane wa balemisi kwa kgaolong ya Legare, Rre Sebaga Monyena, a kopa maitshwarelo ka go tlhoka go dira morero oo tshwanetseng.

Rre Monyena o boletse gore tshwetso ya go dira tsela eo, e tserwe ka lepotlapotla, mme ka jalo ba tlhoka nako ya go rera le botlhe ba ba amegang. 

Le fa go ntse jalo, a re bomolemo jwa tsela eo ke gore e tlaa thusa balemi le barui go fefoga, fa baya merakeng kana masimo. 

A re tsela tsa masimo le meraka ga di tsamaege le fa e le mafelo a botlhokwa go ntsha dijo, ka jalo tsela eo e tlaa thusa balemi le barui ba ba mo tikologong ya yone. 

Rre Monyena a re ke boamaruri gore tsela e amile masimo mangwe, ka jalo a kopa ba ba amegileng gore ba kwadise maina a bone kwa lephateng la kabo ditsha gore masimo a bone a  sekwasekwe, ba tle ba phimolwe dikeledi.

Moitseanape wa ditsela kwa khanseleng potlana ya Serowe, Rre Bicky Balebetse, a re tsela ya Mabeleapudi/Taukome e sekgala sa dikhilomethara tse di lesome le botlhano, mme e dirwa ke konteraka ya UNIK Construction.

Rre Balebetse a re tsela e ka bo e sale e simolotse ka ngwaga wa 2018, mme go ne ga nna le madiadia, ka jalo ga tsala tiego. 

O boletse fa tsela e tsweletse mme go solofelwa gore e wele ka kgwedi ya Phalane monongwaga.

Mokwaledi wa lekgotla le le potlana la kabo ditsha la Paje, Rre Lekoko Lesolame, le ene o dumalane le balemi gore morero ga o a dirwa. 

Le fa go ntse jalo, Rre Lesolame a re diofisi tse di amegang di tlaa baakanya phoso ka go thusa botlhe ba ba amegang ka bofefo.

Rre lesolame are masimo a amgeileng a tla etelwa go seka-sekwa, go bona gore ba tla atswiwa jang.

Kgosana, Rre Setlogelwa Kemodimo, o boletse fa lephata la kabo ditsha le na le go tlhatlaganya ditsha mo go tsalang kgotlhakgotlhano fa gare ga ba abetsweng ditsha ka nako ya go tsena phimilo dikeledi fa lefatshe le tseelwa ditlhabololo dingwe. BOPA

 

 

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : MABELEAPUDI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 13 Sep 2020