Sesole se thusa badiri ba ba tlogetseng tiro ka bolwetse
13 Sep 2020
Babereki ba sesole ba ba tlogetseng tiro ka botsogo kgotsa go golafala mo tirong ba tsweletse ka go thusiwa go ya bongakeng.
Se se botsweletswe ke Tona wa Lephata la Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Kagiso Mmusi, fa a araba potso kwa Palamenteng ka Labone.
O boletse fa Sesole sa Botswana se ntshitse mo tirong masole a le lekgolo le masome a marataro le bone ka mabaka a botsogo go tswa ka ngwaga wa 2010 go fitlhela 2020.
Rre Mmusi o boletse fa ba le lesome le bobedi e le ba maemo a magolwane fa ba lekgolo le masome a matlhano le bodedi ele ba maemo a private go ya kwa go warrant officer I.
A re masole a le masome a supa le botlhano mo go ba lekgolo le masome a marataro le bone ba ntshitswe ke dikgobalo kana mabaka a amanang le tiro kana dikgobalo tsa teng di kekeditswe ke tiro.
O buile fa ba le masome a a robang bobedi le metso e roba bongwe ba ntshitswe ke dikgobalo tse di sa amaneng le tiro ya sesole.
Rre Mmusi o tlhaloseditse Palamente gore pele ga mmereki wa sesole a ka tlogedisiwa tiro ka mabaka a botsogo, o isiwa fa pele ga lekoko la dingaka go mo tlhatlhoba le bo le tsibosa Ramasole ka dikgakololo tse di mabapi le mmereki yoo.
“Mmereki yo o tlogedisiwang tiro ke bolwetse kana dikgobalo tsa mo tirong, sesole se mo phimola dikeledi, mo godimo ga moo, o duelwa madi a kgwedi le kgwedi.”
Rre Mmusi o supile fa lephata la gagwe le butse ofisi ya masole aa tlogetseng tiro go itebaganya le dikgang tsa masole a golageletseng mo tirong le ba ba tlogetseng tiro ka bogodi.
O supile fa molao kakanyetso wa masole a a tlogetseng tiro o le mo tshekatshekong.
Rre Mmusi o ne a araba potso ya mopalamente wa Gaborone Bonnnington South, Rre Christian Greef, yo o neng a kopa gore tona go tlhalosetsa Palamente palo ya masole a a tlogetseng tiro ka mabaka a botsogo go tswa 2010 go fitlhela 2020 le gore a ba ne ba ba seka sekwa le gore a ba ne ba bona thuso ka tsa botsogo le gore masole a tlogetseng tiro ne ba se fiwe sebaka sa go dira tiro tse di motlhofo go fitlhela ba tlogela tiro ka bogodi. BOPA
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : PALAMENTE
Date : 13 Sep 2020