Breaking News

Bogodu jwa leruo bo a tshwenya

10 Sep 2020

Bogodu jwa leruo bo apesitse barui ba kgaolo potlana ya Mahalapye kobo ka letshoba.

Mookamela Mapodisi a District NO 16, Senior Superintendent Reuben Mphoeng, a re go tloga kgwedi ya Phukwi go tsena ya Lwetse, ba gatisitse dikgang tsa bogodu jwa leruo di le masome a mararo le borataro.

Mo potsolotsong ka Laboraro, Snr Supt Mphoeng o boletse fa dikgang tseo di akaretsa bogodu jwa dikgomo, dipodi, ditonki le dinku. A re kgang tse tlhano di sekilwe e bile di wetse.

“Palo gotlhe ya leruo le le utswilweng ke 233, mo go lone dipodi di 178, dikgomo di 25, ditonki di 18 le dinku tse 12. Mme mo go tsone dipalo tse, re kgonne go bona diruiwa di le 68. Bontsi jwa leruo ga re ise re kgone go bo bona,” ga tlatsa Snr Supt Mphoeng.

Le fa go ntse jalo, a re ba kgonne go tshwara babelaelwa ba le masome a mabedi le batlhano. 

Mo go tse di sekilweng, Snr Supt Mphoeng a re babelaelwa bangwe ba bonywe molato le go atlholelwa kgolegelo ya dingwaga tse tlhano, fa bangwe ba golotswe, ka ba sa bonwa molato ka mabaka a farologanyeng. 

“Re lemogile gore barui ba dira masaka mo tikologong ya magae, sekgele sa dikhilomithara tse pedi kgotsa tse tlhano go tswa mo gae. Se ba se dirang ke gore ba tlhatlhela leruo koo, le nna le le nosi go sena motlhokomedi ka gore bone ba nna mo gae, ka jalo le fa podi e ka lela, e tlhasetswe ga ba kake ba utlwa fa ba robetse. Go raya gore ga gona ope o lalang gaufi le lesaka, go bona gore leruo le babalesegile ka jalo dipodi di utswiwa ka dipalo fela tse dintsi mo masakeng a, ga tlhalosa Snr Supt Mphoeng.

A re bogodu bo aname thata le kgaolo potlana ya Mahalapye. Le fa go ntse jalo, a re borukutlhi jwa mofuta o, bo diragala thata kwaa Mahalapye le tikologo le Machaneng.

Snr Supt Mphoeng a re ditiragalo tse tsa borukutlhi di diragala thata bosigo, go dirisiwa dikoloi ka gore barui ba nna ba fitlhela metlhala ya dikoloi maphakela fa ba goroga kwa masakeng a bone.

Ka jalo, o ikuetse mo setshabeng go thusa go lwantsha seemo se ka go ba loma tsebe.

“A batho ba re tswe thuso ka go bolelela mapodisi a gaufi, bogolo jang ka re dumela gore dipodi tse fa di laisitswe ka dikoloi masigo jaana, ga go kake ga tlhokega ope o ka bonang gore koloi e rwele leruo mo masigong. 

Go dira jalo, re ka kgona go fokotsa bogodu jo,” ga ikuela Snr Supt Mphoeng.

Mo godimo ga moo, Rre Mphoeng o gakolotse barui go tswa ka methale mengwe ee botoka ya go tlhomamisa pabalesego ya leruo la bone, jaaka go ipopa ditlhopha mo mafelong a ba ruetseng ka go farologana, go akantshana maele a go tlhokomela leruo la bone.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : Mahalapye

Event : Borukhutlhi

Date : 10 Sep 2020