Breaking News

Ba tshegeditswe mabapi le molato wa tsietso

10 Sep 2020

Mapodisi a tshwere banna ba le babedi mabapi le molato wa tsietso.

Bobedi joo, Sandile Zwelibanzi le Otisitswe Oteng bo tlholega kwa Mahalapye.

Mookamela mapodisi a sephiri, Rre Richard Hlabano, a re molato wa bone o mosha go diragala ka jaana o simologile mono ngwaga pele ga kiletso mesepele.

“Re setse re begetswe dikgang di le nne mo Mahalapye mabapi le molato wa go tsietsa,” a tlhalosa.

Rre Hlabano a re babelaelwa ba tsamaya ba tshwere dipampiri ba di segile jaaka madi, mme ba beye madi fa godimo ga tsone go tsietsa batho.

“Go le gantsi ba latlhela madi fa pele ga motho, ba bo ba re ba a setse.

 Morago ba kopa go a balela mo koloing ya gago, go santse go lo foo, go goroge ba bangwe ba re ke mapodisi ebile ba le mo patlong ya madi,” a tswelela a tlhalosa.

O supile gape fa babelaelwa ba tseela batho dikarata tsa madi, ba kopa le dinomoro tsa sephiri tsa tsone ba bo laela fa ba tlaa leletsa beng morago.

A re gantsi ba itebaganya thata le bagodi.

Rre Hlabano a re le ntswa ba tshwere ba dira molato ba le babedi, go lebega borre bao ba bereka ba le ditlhophana.   BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : Mahalapye

Event : Borukhutlhi

Date : 10 Sep 2020