Breaking News

Makhanselara a lela ka sekole

10 Sep 2020

Makhanselara a kgaolo potlana ya Letlhakeng a re a tshwenngwa ke seemo sa sekole se se potlana sa Takatokwane.

Ba buile se mo phuthegong ya khansele potlana ya Letlhakeng ka Laboraro. Ba re sekole seo se tshwanetse go tswalwa ka se baya bana mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare wa corona.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Salajwe, Rre Lopang Sebutlenyan, o ne a supa fa mantlwana a boiteketso a sa bereke sentle mme seo se tsenya botsogo jwa baithuti mo diphatseng.

A re fa e sale ba etela sekole seo nako e e fetileng, seemo ga se ise se fetoge ka jaana mantlwana ao a tletse mme a tlhoka go gogiwa.

Rre Sebutlenyane a re gona le ntlo ya borutelo e e senyegileng mme e tlhoka go baakanngwa mme khansele ga e tsiboge.

A re se se ngomolang pelo le go feta ke gore barutabana ba nna mo matlong a a makgasa ebile a ranyegile.

O ne a supa fa barutabana ba sekolo seo ba itlhobogile ka go sena se ba ka se itirang bogolo jang ka ebile go sena boroko mo motseng.

O ne gape a supa fa mongwe wa barutabana a hudugile mo ntlong nngwe a bona seemo se tsaya phekelo e sele.

Rre Anderson Mathibe, yo o e leng mokhanselara yo o itlhophetsweng, o ne a bua a sa kgwe mathe ka seemo sa mantlwana a boiteketso a sekole sa Takatokwane, a supa fa mo go a a dirisang metsi a le 41, go bereka a le 14 hela.

A re seo ga se itumedise gotlhelele ka jaana dikgang tseo di sale di begilwe kwa khanseleng mme ga go nko e tswang lemina.

O ne a kopa badiri go tsibogela dikgang fa ba di begelwa ka gore seemo sa sekolo ga se itumedise.

Mokhanselara wa Takatokwane, Rre Johane Gaosafele, a re o begetse bagolwane dikgang tsa sekole seo, mme ga go ise go nne le phetogo epe.

A re go utlwisa botlhoko gore barutabana ba bo ba nna mo matlong a bogologolo mme e bile a le mo seemong se se ngomolang pelo.

Mothusa mokwaledi wa khansele potlana, Rre Tumelo Seboko, a re ba itse ka dikgang tseo mme ba mo dipuisanong go bona gore ba ka thusa sekole jang.

A re ba lephatana la khansele ba ile kwa sekolong seo go ya go bona gore go tlhokana le eng gore ba tsibogile go tokafatsa seemo.

Rre Seboko a re koloi ya bone e e gogang leswe la mantlwana a boiteketso e senyegile ka jalo ga ba a kgona go ya go thusa sekolo seo.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego

Date : 10 Sep 2020