Mapodisi a tlhotlhomisa molato wa polao
10 Sep 2020
Mapodisi a tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di lesome le bofera bongwe mabapi le polao ya rre yo o dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi.
Mo potsolotsong, Superintendent Michael Maphephu o boletse fa bobedi joo bo tlholega mo kgotleng ya Letsibogo kwa Letlhakane. O tlhalositse fa ba ne ba tlhoka kutlwisisano mme mmelaelwa a tlhaba yo mongwe ka sengwe se se bogale.
Supt Maphephu a re rre yo o tlhabilweng o ne a ragosediwa kwa kokelong ya Letlhakane mme ba bongaka ba bolela fa a tlhokafetse.
Mo pegong e nngwe, Supt Maphephu a re ba tshegeditse rre wa dingwaga tse di masome a mabedi le borataro mabapi le matshosetsi a polao ya mokapelo wa gagwe yo o dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa.
O tlhalositse fa bobedi joo le jone bo ne jwa tlhoka kutlwisisano fa wa mme a ne a ngongoregela gore monna ga a tlamele ngwana wa bone, ka jalo wa rre a tswela kwa ntle mme a tla a tshwere sekupu sa leokwane ka maikaelelo a go tshubela mokapelo wa gagwe mo ntlong.
Supt Maphephu a re gape ba tlhotlhomisa kotsi ya koloi e e bolaileng rre wa dingwaga tse di masome a marataro mo tseleng ya Serowe/Orapa ka Tshipi.
O tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse fa gare ga kgoro ya matlhoko a leruo ya Makoba le Letlhakane morago ga gore mokgweetsi a latlhegelwe ke taolo ya koloi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gorataone Mmolotsi
Location : Letlhakane
Event : Potsolotso
Date : 10 Sep 2020