Breaking News

Komiti e kopa go tiisiwa moko

10 Sep 2020

Maloko a komiti e e rotloetsang dipuisanyo le therisanyo gare ga diphathi tsa sepolotiki le ofisi ya ditlhopho (Party Liaison Committee) a kopile gore a atswiwe ka dituelo tsa bokopano.

Mongwe wa maloko ao e bile e le mokhanselara wa pele wa Good Hope, Rre Ogopotse Modibedi, o tlhalositse jalo mo phuthegong e eneng e biditswe ke ofisi ya ditlhopho bosheng.

A re go botlhokwa gore puso e atswe maloko ka ba dira tiro ya boithaopo mme e le e masisi.

O tlhalositse gore bangwe ba tswa kgakala le komiti ba ithaopile, ka jalo go le botlhokwa gore puso e lebelele se.

Rre Modibedi a re go botlhokwa gore ofisi ya ditlhopho e seka ya baya fela mo malokong a komiti, mme e leke go rutuntsha setshaba ka bomosola jwa ditlhopho.

Mothusa kgosi ya Barolong, Kgosi Botiki Motshegare o akgoletse ofisi ya ditlhopho go bo e tsweletse ka go rutuntsha maloko a komiti e.

Kgosi o kaile gape fa go le botlhokwa gore puso e lemoge fa komiti e e dira tiro ya konokono. O supile fa go ithaopa go le botlhokwa, mme fa puso e ka supa ka go ba atswa ba tlaa tia mmoko.

Mogolwane go tswa kwa ofising ya ditlhopho, Mme Kahundu Mutakel, o tlhalositse fa a itse selelo sa bone mme akaya fa puso e ise e tseye tshwetso ya gore ba duelwe.

Le fa go ntse jalo, o akgoletse komiti ya kgaolo ya botlhophi ya Good Hope-Mabule go bo e tsamaisitse ditlhopho tsa ngogola sentle.

O tlhalositse fa komiti e, e le botlhokwa ka e rutuntsha sechaba ka bo mosola jwa ditlhopho le yone tsamaiso ya teng.

 O gakolotse komiti gore nako e ke yone e siameng ya gore e ipankanye pele ga ditlhopho tse ditlang.

Mme Mutakel o kaile gore go bo go na le kemedi ya baruti, banana, mapolotiki le ba-na-le bogole go dira gore ope a seka a kgaphelwa kwa ntle.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : Good Hope

Event : Phuthego

Date : 10 Sep 2020