Breaking News

Sekole sa Ramogotsi se amogetse thuso

10 Sep 2020

Baithuti ba pele ba sekole se se potlana sa Ramogotsi kwa Morwa kwa Kgatleng ba abetse sekole seo di bipa molomo le nko di le makgolo a mane le masome a mabedi le botlhano.

Baithuti ba ba pele ba akaretsa moeteledipele wa sekole sa Botswana Open University, Dr Daniel Tau le motlhatlhela dithuto tsa ditso kwa Unibesithing ya Botswana, Professor John Makgala, mokhanselara, Rre Opakile Setlhabi le mothusa mookamedi wa banka ya Botswana, Rre Andrew Motsumi.

Dimpho tseo di abilwe ke First National Bank Botswana Foundation le khamphane ya Zebranet.

E rile a ntsha lefoko, Dr Tau a tlhalosa fa mowa wa boithaopo o tshwanetse wa rotloediwa ka go supega fa puso ka bo yone e ka se kgone go dira sengwe le sengwe, segolobogolo mo nakong ee thata y mogare ya segajaja sa COVID-19.

O boletse fa sekole seo se agilwe ka mowa wa boithaopo, mme a tlatsa ka gore baithuti ba pele ba bone go le botlhokwa gore ba seka ba se neela mokwatla, mme ba tswelele ba tsenye diatla go godisa bana ba ba tlaa nnang le bokamoso jo bontle.

Dr Tau o boletse fa sekole seo kwa tshimologong se ne se na le matlwana a borutelo a le mararo, se tsenya lekwalo la botlhano go ema ka la bosupa.

Baithuti ba bangwe ba ne ba tsenela kwa kerekeng ya Dutch, mme bagolo ba motse, ba thusiwa ke khansele ya Kgatleng, ba ikopanya go oketsa matlwana a borutelo.

O akgoletse FNBB Foundation le Zebranet go ba tswa thuso mo maikaelelong a bone.

Dr Tau o boletse fa segajaja sa COVID-19 se senotse fa Batswana ba ne ba tlogetse matshego a bone a mane a boipuso.

Fa a latlhela tlhware legonnyana, Rre Setlhabi o ne a supa gore go botlhokwa gore ba thuse ka le bone ba kgonne go thusiwa.

Mogolwane wa FNBB Foundation, Mme Onkemetse Montsheki, o tlhalositse fa ba tsere tshwetso ya gore mo mading a dipoelo a ba a dirang, ba beye selekanyo ka fa thoko go a dirisa mo go tlhabololeng matshelo a batho.

O tlhalositse fa ba kgonne go abela letlole la puso madi go thusa mo go lwantsheng segajaja sa COVID-19, mme ba tsweletse gape ka go ntsha dithuso ka go farologana.

Mme Montsheki o tsweletse a tlhalosa fa ba tsere tshwetso a go abela baithuti di dibipa melomo le nko ka ba kgona go tlhoka go ya sekolong fa ba sena tsone, mme ba salale kwa morago mo dithutong.

FNBB Foundation, le fa e lebaganwe ke dikgwetlho, e tsweletse ka go thusa mo dikarolong tse di farologanyeng, jaaka tsa ba badiragatsi ba mo nakong eno ba sa kgoneng go itshetsa ka maitiso a santse a emisitswe.

Mogolwane wa Zebranet, Rre Venkata Polu, o boletse fa ba santse ba tlaa thusa sekolo seo, a re ba setse ba thusitse dikolo tse dingwe jaaka se segolo sa Moshupa le se segolwane sa Tlogatloga.

O boletse fa ba thusa dikolo ka dithuso tse di farologanyeng jaaka go gokelela maranyane mahala (Wi-Fi). BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebagano Ntshole

Location : Morwa

Event : Kabo dibipa molomo

Date : 10 Sep 2020