Breaking News

Bangwe ba itlhokomolosa melawana

09 Sep 2020

Mogolwane wa mapodisi kwa Palapye, Superintendent Nkobi Nawa, a re o tshwenngwa ke batho bangwe ba ba itlhokomolosang melawana ya botsogo ee beilweng go thibela kanamo ya mogare wa corona.

 A re mapodisi a tsweletse ka go tshwara bangwe kwa Palapye le metse ee mo tikologong ba sa ipipa dinko le melomo, selo se se ka gakatsang kanamo ya segajaja sa COVID-19.

Mo potsolosong , Superintendent Nawa o boletse fa go simolola kgwedi ya Phatwe e le masome mabedi go tsena e le masome a mararo, ba tshwere batho ba le masome a mane le bobedi ba tsamaya mo mebileng ba sa ipipa melomo le dinko.

“Go tswa mo kgweding ya Phatwe e le masome a mararo le bongwe go tsena ya Lwetse e le malatsi a marataro re tshwere gape batho ba le masome a mararo le botlhano, ba ntse ba tsamaya mo motseng ba sa bipa molomo le nko,” ga tlhalosa Supt Nawa.

A re seemo se, se pateletsa mapodisi go bereka ka thata go netefatsa gore banni ba Palapye le metse ee mo tikologong ba obamela ditaelo tsa ba botsogo go lwantsha segajaja.

A re twantsho ya COVID-19 e tlhoka gore mongwe le mongwe a nne le boikarabelo, a tlatsa ka gore ke segajaja se se sa tlhaoleng ope, e bile se tsweletse ka go gapela batho matshelo.

O tlhalositse gore ope yoo tlolang molawa ka go tsamaya a sa bipa molomo le nko, o lebanywe ke kotlhao ya P200 go ya kwa go P5 000. 

Supt Nawa a re sengwe sa tse di tshwenyang thata ke palo ee kwa godimo ya dikgang tsa go rekisa bojalwa jwa Setswana kwa malwapeng.

A re thekiso ya bojalwa jwa Setswana mo lwapeng e ne e tshwenya thata le ka nako ya kiletso thekiso ya bojalwa le ka mafelo a kgwedi.

Go tswa mo kgweding ya Phatwe e le masome a mabedi le bone go ya kwa kgweding ya Lwetse e tlhola malatsi a le marataro, ofisi ya sepodisi e gatisitse dikgang di le masome a mabedi le borataro tsa batho ba ba neng ba rekisa bojalwa jwa Setswana mo malwapeng.

Mo go tse dingwe, Supt Nawa a re mo bekeng e e fetileng ba gatisitse kgang e mo go yone monna mongwe a tlhakanetseng dikobo le ngwana wa dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi.

O gakolotse batsadi go bega melato ya mohuta o, gore bana ba ba kopanang le diemo tse, ba fiwe thuso ee maleba.

O tsweletse a rotloetsa batsadi go tlhokomela bana ba basetsana, a tlatsa ka gore ba seka ba ba tlogela ba le nosi mo malwpeng ba sena batlhokomedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Segojame Ikgopoleng

Location : Palapye

Event : Potsolotso

Date : 09 Sep 2020