Seemo sa metsi se a nametsa
09 Sep 2020
Kgosi wa Bokaa kwa kgaolong ya Kgatleng, Rre Sue Mosinyi, o akgoletse khamphane ya Water Utilities Cooperation (WUC) go tokafatsa seemo sa metsi.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Mosinyi o boletse fa maiteko aa dirwang ke WUC a dirile gore seemo sa metsi se tokafale.
A re mo dingwageng tse pedi tse di fetileng, WUC e ne ya atolosa mabeelo le kanamiso ya metsi kwa Bokaa, ka jalo dikgotlana tsotlhe mo motseng di bona metsi.
Le fa go ntse jalo Kgosi Mosinyi a re motse o tsweletse ka go gola, ka jalo banni ba ba nang mo mafelong a tlhabolotsweng bosheng ba ise ba akarediwe ke moalo wa go anamisa metsi.
A re tsholofelo ke gore jaaka ditiro tsa ditlhaboloo di tsweletse ka go dirwa, di tlaa akaretsa le go atumetsa metsi kwa bathong.
Kgosi Mosinyi a re metsi a botlhokwa mo go lwantsheng kanamo ya segajaja sa COVID-19, ka batho ba rotloediwa go tlhapa mabogo kgapetsa kgapetsa.
Le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore metsi a dirisiwe sentle.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Bokaa, Rre Joseph Sebina, a re WUC e na le maikaelelo a go atolosetsa moalo wa go phatlalaletsa metsi kwa mafelong aa tlhabolotsweng bosheng.
Rre Sebina a re WUC e okeditse ditanka tsa di-jojo tse di dirisiwang go atumetsa metsi kwa banning ba malwapa a masha, a iseng a nne le ditlamelo tsa phatlalatso metsi.
Rre Sebina a re tsholofelo ke gore moalo oo dirwang go goga metsi kwa Masama o tlaa tokafatsa seemo sa metsi kwa Bokaa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : Bokaa
Event : Potsolotso
Date : 09 Sep 2020