Baithuti ba pele ba Tshekedi ba thusitse yo mongwe
08 Sep 2020
Baithuti ba sekolo se se potlana sa Tshekedi ba ngwaga wa 1992 ba supile mowa wa kutlwelo botlhoko ka go abela mongwe ka bone ntlo kwa kgotleng ya Sam Sam kwa Serowe.
Fa ba abela Mme Mbututu Kgaotsang ntlo eo bosheng, mongwe wa baithuti ba pele, Rre Baikokobetsi Lerato, a re e ne ya re ka kgwedi ya Phukwi ba amogela molaetsa wa go re mongwe ka bone o shetswe ke ntlo.
Rre Lerato a re ba ne ba ipha matsapa a go ya go lekola Mme Kgaotsang, mme ba fitlhela ntlo ya kamore tse pedi tsa borobalo e shele kamore e nngwe, mme ba thulanya ditlhogo go thuso.
O tlhalositse gore baithuti ba pele ba le masome mararo le botlhano ba ne ba dumalana ka bongwefela jwa pelo gore ba kokoanye madi, mme maiteko a bone a ba kgontsha go baakanya kamore e e neng e jelwe ke molelo ga mmogo le go penta ntlo yotlhe sesha.
Morutabana wa bone wa ngwaga wa 1992, Mme Banabotlhe Koonne, a re ka nako ya fa a santse a ba ruta, o ne a lemoga kitlano e e neng e le fa gare ga bone.
A re ka nako e ba neng ba le mmogo mo sekolong ba ne ba dira botsalano jo bo kwenneng jo a dumelang e le jone jo bo dirileng gore mo nakong eno ba bo ba kgonne go dira tiro e ntle ya go tsosolosa ntlo ya mongwe ka bone.
Mme Koonne o ne a ba kgothatsa go lemoga botlhokwa jwa go ikgethela ditsala le go dibela botsalano.
O supile fa thuso ya bone e dirile gore go nne bonolo gore Mme Kgaotsang a boele mo seemong sa botshelo se a neng a se tlwaetse.
E rile a amogela mpho eo Mme Kgaotsang a re o ne a itekodisa balekane ba gagwe, mme a sa itse fa ba tla mo thusa jaaka ba dirile. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Mbaeva
Location : Serowe
Event : Kabo ntlo
Date : 08 Sep 2020