Maphorisa o kopile Batswana go ikanya Modimo
08 Sep 2020
Setshaba se kopilwe go tsaya karolo mo go lwantsheng HIV/AIDS le COVID-19.
Se se builwe ke mookamedi wa Buyezelo Guest lodge, Rre Moffat Maphorisa, fa a bula semmuso tirelo ya merapelo kwa Mosojane kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ka Mosupologo.
A re puso e tsere tshwetso ya gore merapelo ya kgwedi ya Lwetse e pataganye HIV/AIDS le COVID-19.
Rre Maphorisa o ne a kopa batho go retologela kwa Modimong le go mo rapela ba tiisitse ka e le one fela o ka ba falotsang mo dipharagobeng.
A re Modimo o tshwanetse go ikanngwa ka dinako tsotlhe, a tlatsa ka gore ke one fela o tlhotlheletsang ba ba lebaneng go tla ka mananeo le ditaelo tsa go leka go lwantsha malwetse ao.
Le fa gontse jalo, o ne a supa fa go utlwisa botlhoko go bona bangwe batho ba itlhokomolosa ditaelo tsa botsogo.
A re lentswa COVID-19 e se bogale kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, go botlhokwa gore go tswalwe diphatlha tsotlhe tse di ka nnang le seabe mo go anamiseng mogare wa corona.
Fa a itebaganya le seemo sa HIV/AIDS kwa kgaolong, Rre Maphorisa o ne a supa fa se le mo go 17.7 per cent, a re fela go a nametsa ka jaana kgaolo e dira sentle mo lenaneong la PMTCT.
Fa a bua ka kgokgontsho ya bana le bomme, Rre Maphorisa o ne a tlhalosa fa a tshwenyegile ka batho ba ba sa ntseng ba kgokgontsha ba bangwe, selo se a tlhalositseng fa se na le seabe mo go kuketseng HIV/AIDS.
Fa a tswa la gagwe, molomaganya ditiro tsa HIV/AIDS kwa Bokone Botlhaba, Rre Chris Moseki, o ne a tlhalosa fa lenaneo la dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV le la PMTCT a dira sentle.
Fela o ne a kgala bangwe ba e reng ba bona ba tokafetse, ba bo ba phuaganya dipilisi.
O ne a supa dikereke dingwe ka monwana, a re di santse di na le mokgwa wa go tlogedisa batho diritibatsi.
A re seo se folodisa maiteko a puso a go lwantsha HIV/AIDS.
Rre Moseki o ne a gakolola bomme ba ba itsholofetseng go netefatsa gore ba ikwadisetsa boimana kwa dikokelong nako e sa le teng.
Go ntse go le foo, o ne a bolela fa a sa itumedisiwe ke dipalo tse di golelang pele tsa boimana jwa bana ba ba dingwaga tse di lesome le boferabongwe go ya kwa tlase, a re go tsweng ngogola go fitlha monongwaga ka kgwedi ya Seetebosigo, go nnile le ditiragalo di le masome a supa le boferabobedi.
Rre Moseki o ne a tlhalosa fa maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go abelana megopolo le go lebelela kwa morago, go sekaseka seemo sa HIV/AIDS le COVID-19. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Mosojane
Event : Merapelo
Date : 08 Sep 2020