Breaking News

Kgafela o kopa gore molao o nonotshiwe

08 Sep 2020

Tona wa Lephata la Dikago le Tlhabololo Matlo, Rre Mmusi Kgafela, a re molao wa kgokgontsho ya mo malwapeng (Domestic Violence Act of 2008) o siilwe ke nako.

O buile se kwa Palamenteng ka Mosupologo.

Rre Kgafela, yo gape e leng mopalamente wa Mochudi Bophirima, o ne a gatelela botlhokwa jwa gore molao o, o nonotshiwe gore dikgang tse di fa pele ga makgotla a ditsheko di kgone go rarabololwa mo nakong e khutshwane.

A re go a swabisa go bo badira melato dikgannyeng tsa petelelo, tiriso botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo le dikgang tse dingwe tsa kgokgontsho ba santse ba atlholelwa dingwaga tse di ka tshwarang lesome.

A re ke nako ya gore ba ba bonwang molato ba atlholelwe dingwaga tse di masome mabedi le go feta.

O ne a tlatsa ka gore ga go thona gore badira melato ba ka atlholelwa botshelo jotlhe mo kgolegelong, a ikuela mo go tona yo o maleba go seka seka mogopolo oo le go rotloetsa makgotla a ditsheko go tsenya mo tirisong katlholo e.

Rre Kgafela o ne gape a kopa bo mmakaseterata le basekisi go sekaseka dingwaga tse ba di atlholelang badira melato ba dikgang tsa petelelo.

Fa a tswa la gagwe, mopalamente yo o itlhophetsweng, Dr Unity Dow o ne a gatelela gore dikgang tsa kgokgontsho ya bong di ka kgonwa fela fa puso e ka di tshwaraganela le makalana a a ikemetseng ka nosi jaaka Emang Basadi, Stepping Stones International, Women Against Rape, Womens’ Shelter le a mangwe.

Dr Dow o boletse fa makalana ao a le moono mongwe le puso mo go lwantsheng dikgang tsa kgokgontsho, a gakolola tona go sekaseka gore makalana ao a ka tsaya karolo ka tsela e e ntseng jang.

O ne a gakolola tona go sekaseka fa go ka se tlhomiwe lekalana mo sepodiseng sa Botswana le le tlaa bong le go itebaganya le dikgang tsa kgokgontsho ya bong, a tlatsa ka gore go tlhamiwe makgotla tshekelo a le one a tlaa itebaganyang le dikgang tsa go nna jalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Dube

Location : Gaborone

Event : Parliament

Date : 08 Sep 2020