Breaking News

Palapye ga a tlhoke ofisi kgolo

08 Sep 2020

Tona wa Lephata la Ditswa-Mmung, Boranyane jwa pabalelo Tikologo le Tlhomamiso tsa Kgotetso, Rre Lefoko Moagi,  a re lefelo lengwe le lengwe la phetlho ya motlakase le tsamaisiwa ke mookamedi wa lone.

Tona Moagi o buile jalo fa a ne a araba potso kwa palamenteng e  eneng e boditswe ke Mopalamente wa Palapye, Rre  Onneetse Ramogapi.

Rre Moagi a re mookamedi kwa lefelong leo o theogela malatsi otlhe mme a engwe nokeng ke badiri ba tsa maranyane.

Ka jalo Tona Moagi a re ga gona sepe se se tlamang gore diofisi dikgolo di isiwe kwa Palapye ka gore mafaratlhatlha a a fetlhang motlakase ga a tlhoke go nna gaufi le diofisi dikgolo.

A re  diofisi dikgolo le  bagolwane ba koporase ya motlakase ba itebagantse le ditogamaano tsa koporase ka bogolwane fa ditirelo tsa letsatsi le letsatsi tsa tiriso ya mafaratlhaltha di le ka fa tlase ga bokgoni jwa baokamedi ba yone kwa Palapye.

Tona Moagi  a re bodiredi jo bongwe jo bo lebaganeng le tsa theko ya tse di tlhokegang tsa didirisiwa, kgotsa  tsa madi le tsa khiro ke karolo ya ofisi e e feletseng ya Palapye.

Go sale foo, Tona Moagi o tlhalositse gore  botsamaisi jwa mafaratlhatlha bo neelwa bokaedi jo bo tlhokegang go netefatsa gore ga go nne le kgoreletsego epe ya go isa ditirelo kwa Batswaneng.

A re ga go na sepe se se tlhaelang mo bodireding jwa diofisi tsa motlakase kwa dikgaolong se se ka bakang gore go fudusediwe diofisi dikgolo kwa Palapye.

Tona  Moagi o ne a supa fa diofisi tsa phatlalatso motlakase mo mafelong a a farologaneng di tlhomilwe go lebilwe gore motlakase o fetlhwa kae.

Ka jalo ga go maleba go fudusa diofisi dikgolo tsa motlakase kwa mafelong a go fetlha motlakase a leng teng ka gore mafelo ao a na le sebaka se a ka se tshelang go bo go tlama gore pele ga a fetswa go dirisiwa a tlhatlhamololwe.

Tebang le go kaba phatlha ya tiro ya mookamedi mogolo wa BPC, tona a re go ne ga bapadiwa mo metsweding ya dikgang  le mo maranyaneng go simolola kgwedi ya Moranang  e tlhola malatsi a le mararo.

 A re phatlha eo e ne ya tswalwa kgwedi yone eo e tlhola malatsi a le lesome le bosupa ka nako ya segajaja sa COVID-19 mme go ne go ikopetse batho ba le barataro.

A re baokamedi ba khuduthamaga ya BPC ba ne ba sekaseka ntlha eo mme ba tsaya tswetso ya gore phatlha eo e bapadiwe gape mme ya simolola kgwedi ya Motsheganong e le masome a mabedi le bobedi go fitlha e le masome a mabedi le boherabongwe.

A re go ne ga ikopela batho ba le masome a mararo le bobedi, ka jalo, thulaganyo ya khiro e tsweletse mme tsholofelo ke gore e tlaa wela fa kgwedi eno e ya fifing.

Mopalamente wa Palapye o ne a boditse Tona gore motshwarelela mookamedi mogolo wa BPC o tlaa tlhomamisiwa leng.

Mopalamente Ramogapi o ne gape a boditse gore a tona o lemoga fa ditshwetso  ka bontsi di dirwa mo Gaborone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Palamente

Date : 08 Sep 2020