Breaking News

Kgosi o kopa ditlhabololo

08 Sep 2020

Kgosi Piet Ratlhong wa kgotla ya Diagane Block 9 kwa Mogoditshane o ngongoregela ditlhabololo le ditlamelo tse di boutsana.

O boletse mo potsolotsong fa Mogoditshane Block 9 a kabo a tlhabologile thata ka e le mongwe wa metsana ya bogologolo.

A re ba eletsa sekolo se sebotlana, ditsela mo gare ga motse le kokelwana.

Kgosi Ratlhong o tlhalositse fa bana ba motse ba tsena sekolo kgakala.

Fa a bua ka letlhoko la ditsela fa gare ga motse, Kgosi Ratlhong o ne a tlhalosa fa ba tswa kgakala ba lela ka seemo sa ditsela, mme go lebega go sena sepe se se dirwang.

A re letlhoko la ditsela le ba ba ya ka fa mosing, bogolo jang fa pula e nele

Kgosi Ratlhong o ne gape a tlhalosa fa seemo seo se kokonela dikoloi.

A re ba tswa kgakala ba kopa gore tsela e dirwe, kana e tsenngwe ditena, mme ga go nko e tswang lemina.

A re jaaka paka ya pula e goroga jaana, ga ba itse gore ba ya go nna ba ga mang, a tlatsa ka gore fa go se paka ya pula, tsela e tlala ka lerole.

Kgosi Ratlhong o ne gape a ngongorega ka bakgweetsi ba kgweetsang ka lebelo le le kwa godimo, mme ka jalo go thibe lerole mo motho a sa kgoneng go bona sentle.

“Dikoloi di feta fano di tshubile dipone, mme go se bosigo, go thibile lerole” ga tlatsa kgosi Ratlhong.

Mabapi le tsela ee dirwang go dikologa Block 9, o ne a re o sebete se molangwana ka yone ka gore e tsaya lebaka le leleele go fela.

Mo dikganyeng tse dingwe, Kgosi Ratlhong a re o tshwenyegile ka ntlo ya badisa dikago tsa difofane ka e sale e o le mme ga e baakanngwe.

Kgosi Ratlhong o ne a tlhalosa fa jaanong e dira letlotla mo motseng, a re badisa mochine wa difofane ga gona kwa ba tshabelang teng fa seemo sa bosa se fetoga.

O ne a kopa gore ba difofane ba itsose, ba tsosolose kago eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : Gaborone

Event : Potsolotso

Date : 08 Sep 2020