Breaking News

Seretse o akgolela badiri go thusa Tlhareseleele

08 Sep 2020

Mookamedi wa lephata la Botswana Energy Regulatory Authority (BERA), Mme Rose Seretse, o lebogetse babereki ba lephata la meepo le kgotetso go agela Tlhareseleele matlo a boiteketso a le mabedi.

E rile a bula matlo ao semmuso bosheng, Mme Seretse a tlhalosa fa lephata le le makalana a lone, ba ne ba ikopanya ka komiti ya bone ya botsogo, go etela Tlhareselele, mme ba botsa kgosi gore botlhoki bo fa kae.

Mme Seretse o galaleditse  dikolo tsa brigade tsa Pitsane le Lobatse go bo di ne tsa tsenya tsenya letsogo mo kagong ya matlwana ao.

O supile fa kago eo e simolotse ngwaga ono o simolola, mme ya diega ka ntata ya segajaja sa COVID-19.

Mme Seretse o ne a leboga gore le fa dikgwetlho di ne di le teng, ba kgonne go fetsa go aga.

O akgoletse babereki ka ene go bo ba dirile tiro e ntle ya go fa motse seriti, mme a ba kopa go tswelela ba dira tiro e ntle e.

O tlhaloseditse morafe gape gore di ofisi tsa lephata la meepo di butswe go thusa, mme a ba kgothatsa go di etela le gone go itse thata ka lephata leo.

Kgosi Mosoabodi Letshikhoana ene o ne a tlhalosa fa ba itumetse fela thata ka ba sa bolo go tlhoka matlwana a.

O kaile fa ba ne ba na le kgwetlho e tona ka nako tsotlhe fa gona le diphuthego tsa kgotla kana ba na le baeng.

O kaile fa matlwana aa dirisang metsi a ne a sa ba thuse thata, ka ntata ya letlhoko la metsi mo motseng.

Kgosi Letshikhoana o supile fa se lephata le se dirileng e le se ba tlaa se gopolang ka nako tsotlhe, a re selelo sa bone se arabilwe mme ba eleletsa badiri masego le matlhogonolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : TLHARESELEELE

Event : Pulo matlo

Date : 08 Sep 2020