Tautona Masisi o gopola Selelo-Mogwe
07 Sep 2020
E rile ka Tshipi, Tautona Dr Mokgweetsi Masisi, a isa matshediso kwa go ba lelwapa la ga Prof Serara Selelo-Mogwe, yo o tlhokafetseng ka Laboraro.
Dr Masisi o gakologetswe Prof Selelo-Mogwe e le mme wa sethakga, yo a neng a sa tshabe go bua maikutlo a gagwe.
A re Prof Selelo-Mogwe o diretse Botswana ka bonatla.
Ke mosadi wa ntlha go ithutela dithuto tse di kwa godimo tsa booki, a tlatsa ka gore ga go thona gore a galalediwe a bo a tlotlwe le go atlwa ke mafatshe ka go farologana.
Ngwana wa ga Prof Selelo-Mogwe, Dr Pearl Kupe, o tlhalositse fa ba le lesego go bo ba nnile le motsadi wa sebopego sa gagwe.
A re mmaagwe e ne e se motsadi mo go ene fela le ba lesika la gagwe, mme ba nnile le sebaka sa go mo arogana le Batswana.
Dr Kupe o tlhalositse gore motsadi wa gagwe o ne a le lerato, a tsaya mongwe le mongwe jaaka ngwana wa gagwe.
A re e ne e le motsadi yo o neng a sa tshabe go bua maikutlo a gagwe, e bile a rata gore molao o diragatswe sentle mo lwapeng.
Dingwe tsa dikatlego tsa gagwe di akaretsa go nna mosimolodi wa lekgotla la baoki la Nurses Association of Botswana le jaanong le fetotsweng go bidiwa Botswana Nurses Union (BONU).
Prof Selelo-Mogwe, yo o tlhokafalang a le dingwaga di le masome a ferang bongwe le boraro, o tlaa bolokwa ka mabitleng a Phomolong ka gompienoBOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : Mogoditshane
Event : Matshidiso
Date : 07 Sep 2020



