Mopalamente wa pele o bolokilwe
07 Sep 2020
Mopalamente wa pele wa Nkange, Rre Obed Chilume, o bolokilwe kwa Tutume ka Matlhatso.
Rre Chilume o tlhokafetse a le dingwaga di le masome a robabobedi le bosupa kgwedi e e fetileng e le masome mararo.
Dibui di mo kaile e ne e le senatla gape a nyoretswe ditlhabololo.
Ba re o ne gape a le bonolo, a le lerato, gape a rotloetsa mowa wa kagiso le popagano mo Batswaneng.
Mokwaledi mogolo wa Botswana Democratic Party (BDP), yo gape e leng Tona wa Lephata la Khiro, Tokafatso Bodiredi le Tlhabololo Dikitso, Rre Mpho Balopi a re Rre Chilume e ne e le mongwe wa mabutswapele a palamente ya Botswana, gape o diretse puso ka bonatla.
O simolotse e le morutabana go fitlhelela a ya go nna mopalamente wa kgaolo ya Nkange ka 1965.
A re Botswana o ipela ka ditiro tsa ga Rre Chilume, tse di nang le motlhala.
O kgonne go isa ditlhabololo le gore go tlhomiwe dikgaolo potlana.
Rre Balopi a re fa e ne e se ka lebaka la segajaja sa COVID-19, go ka bo go ipeletswe botshelo jwa ga Rre Chilume le tsotlhe tse dintle tse a di diretseng Batswana le batho ba kgaolo ya Nkange.
Sebui se sengwe, Rre Pelotelele Tlhaodi, ene a re Rre Chilume o ne a ila makgamu kana digongwana-gongwana mo phathing.
A re e ne e le motho yo o tsepameng mo boammaruring, gape a rotloetsa mowa wa tshwaragano le tirisanyo mmogo.
Mo molaetseng wa gagwe, Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o ne a re Rre Chilume ke mongwe wa ba ba similotseng palamente ka ngwaga 1965.
Dr Masisi o boletse fa go sa latlhegelwa boora Chilume ba le nosi, mme le setshaba kakaretso. A re Rre Chilume o diretse Botswana ka bokgabane, ka jalo Batswana ba tshwanetse go ipela ka ene.
A re puso e ne ya bona go le maleba go reelela lebala la metshameko le le kwa Francistown ka Rre Chilume, e le mangwe a maiteko a go lemoga bagaka ba pele.
Rre Chilume o tshotswe ka 1933. O ne a ya go ithutela tiro ya borutabana kwa sekoleng sa Kanye pele a fudugela kwa Lobatse ka 1956, mme a simolola go ruta ka 1958.
O ne a tlogela tiro ya borutabana a le mogokgo ka ngwaga wa 1962, mme ka 1965, a tlhophiwa go nna mopalamente wa ntlha wa kgaolo ya Nkange ka talama ya BDP.
O ne a nna mothusa tona wa dikgaolo le ditsha ka 1982-1987, mme ya re ka 1987-1989 a nna mothusa tona wa lephata la madi le ditogamaano, mme a tlogela sepolotiki ka 1999.
O tlogela mosadi le bana ba le barataro, bana ba bana ba le lesome le bone le dikokomane di supa.
Bangwe ba ba neng ba tsene tirelo ya phitlho eo, ke mothusa tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe, mapalamente a pele a kgaolo ya Nkange; borre Ambrose Masalila le Edwin Batshu, mopalamente wa Maun Bophirima, Rre Dumelang Saleshado le mopalamente wa Nkange, Dr Never Tshabang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Phitlho
Date : 07 Sep 2020