WUC e tsenya letsogo go thusa Batswana
07 Sep 2020
Khamphane ya metsi ya Water Utilities Corporation (WUC) e itlamile go thusa go inola setshaba mo manokonokong a botshelo.
Se se boletswe ke mogolwane wa khamphane eo kwa Lobatse, Rre Mpho Tsotetsi, fa ba ne ba aba dipale tsa ditshipi kwa Digawana ka Labotlhano.
Rre Tsotetsi a re ba abetse motse oo ditshipi tse ba sa tlholeng ba di tlhoka gore banni batle ba di dirise mo go ageng maemelo a dipalamo.
A re le fa WUC e na le ka fa e itholang ka teng didirisiwa tse di feletsweng ke tiriso, e ne ya tsaya tshwetso go fetisetsa ditshipi tse di neng di sa tlhole di dirisiwa kwa Digawana, a tlatsa ka gore ba dirile se kaba ne ba bona e le tsela ya go thusa setshaba.
Go boletswe fa dipale tseo di le masome matlhano mme go tla tsisiwa tse dingwe tse masome mararo.
Rre Tsotetsi a re o lemoga fa komiti ya ditlhabololo ya motse e batla go tlhabolola banni, a supa fa ba eletsa go siela setshaba metsi go sena makgwere ape.
Mo go tse dingwe o boletse fa ba tokafaditse tsamaiso jaanong setshaba se kgona go tlhola gore motho o kolota bokae a dirisa maranyane, mme a re motho o ka dirisa mosokela tsebeng mongwe le mongwe go tlhola sekoloto sa gagwe.
A re gape go ka dirisiwa mogala wa letheka go sekoloto ka maranyane.
Rre Tsotetsi a re ga se gore go tlhoka mogala wa letheka wa manobonobo go itsa motho go tlhola gore o kolota metsi bokae.
A re dikoloto sa metsi di kwa godimo fela thata ka jalo seemo se ba paledisa go phatlalatsa metsi sentle le ntswa ba dira maiteko.
O ne a bolela fa banni ba Digawana ba kgona go nna malatsi a mararo metsi a seo ka jaana ba a kokotleletsa pele mo makadibeng.
E rile a ntsha la gagwe, Kgosi Kefitlhile Kgwakgwe a supa fa a le motlotlo go bona WUC e tsile go ba lekola le go ba abela.
A re o eletsa gore maphata ka bontsi tsaye malebela mo khamphaneng e. A re metsi ke pinagare ya botshelo jwa motho, mme a supa fa maiteko a WUC a bonala mme sebe sa phiri ke gore tiriso ya metsi e ntsifetse fela thata.
Kgosi Kgwakgwe a re o itse mathata a WUC e kopanang le one, mme fela go thata gore batho bangwe ba duele ka ba gateletswe ke mabaka a botshelo.
A re ka jalo, WUC e kolotwa madimadi ka batho sa duele metsi. A re segajaja sa COVID-19 se tlhoka metsi a mantsi ka jaana go tlhokega gore batho ba tlhape diatla kgapetsa kgapetsa.
Mokhanselara wa Digawana, Rre Daniel Motlhabankwe, ene a re ba bone go tshwanela gore ba age mereti ya maemelo a dipalamo ba lebile bagolo le baimana gore fa ba emetse dipalamo ba seka ba sokola ka jaana ba ema lebaka le letelele go sena fa baka hubang maoto teng
Mokhanselara a re fa batho ba emetse dipalamo o fitlhela go ngomola pelo ba le mo letsatsing kgotsa pula ena go sena fa baka tshabelang teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : Digawana
Event : Kabo di dirisiwa
Date : 07 Sep 2020