Monna o atlhotswe dingwaga tse tharo le dithupa tse tharo
06 Sep 2020
Mmakaseterata yo mogolwane wa Maun, Rre Thebeetsile Molalu, o atlholetse Kobamelo Samokochi dingwaga tse tharo mo kgolegelong le dithupa tse tharo mabapi le molato wa go thuba le go utswa.
Fa a ntsha kotlhao, Mmakaseterata Molalu o ne a supa fa a sekegetse tsebe gore mosekisiwa ke lantlha a dira molato le gore ke monana, ka jalo o na le sebaka sa go ka fetoga.
Le fa go ntse jalo, Mmakaseterata Molalu a re melato ya go nna jalo e a tshwenya ka e a ntsifala.
E ne ya re a ipobola, Samokochi, yo dingwaga tse di masome a mabedi le boraro, a tswa, a kopa lekgotla gore le mo utlwele botlhoko.
A re ke lesiela e bile o dirile molato oo ka ntlha ya go bolawa ke tlala.
Samokochi o ne gape a ikuela gore ke lantlha a dira molato, ebile fa e sale a fiwa sebaka sa go emela tsheko kwa ntle ga a ise a dire molato ope gape.
Dintlha tsa molato di supa fa mosekisiwa Samokochi a ne a na le bangwe ba bararo e bong Opelo Aaron wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe, Olerato Aaron wa dingwaga tse di masome mararo le bongwe le Omphile Aaron wa dingwaga tse masome mabedi le boferabodi.
Bone joo bo ne jwa thuba kwa marekisetsong a Senthaga General Dealer kwa Maun ba bo ba utswa dithoto tsa P61 238.50, ka Firikgong ngwaga o o fetileng.
Basekisiwa ba bangwe ba bararo bone ba tlaa tswelela le tsheko ka go bo ba ne ba re ga ba ipone molato, ka jalo ba tlaa itshupa fa pele ga lekgotla Lwetse a le lesome le bosupa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Katlholo
Date : 06 Sep 2020