A molaetsa wa ditlhopho o tswelele
06 Sep 2020
Maloko a komiti e e rotloetsang dipuisanyo le tirisanyo mmogo gare ga diphathi tsa sepolotiki le ofisi ya ditlhopho (Party Liaison Committee) le ba-na-le seabe botlhe a kopilwe go tswelela ka go gasa molaetsa wa ditlhopho.
Kopo eo e dirilwe ke mogolwane wa ofisi ya ditlhopho kwa Masunga, Mme Mercy Gaosekwe, kwa phuthegong ya komiti ka Labone.
Mme Gaosekwe o ne a ikuela mo malokong a komiti eo go simololela ruri go ipaakanyetsa ditlhopho tsa setshaba tsa 2024 g.
A re go botlhokwa thata gore ba tsibose le go ruta batlhophi mo go tseneletseng ka ditlhopho, ka jaana seo se ka thusa go fokotsa kwelo tlase ya batlhophi le go senyega ga ditalama tsa ditlhopho.
Le fa go ntse jalo, mookamedi o ne a leboga maloko a PLC le ba-na-le seabe go bo ba ne ba eme ofisi ya bone nokeng mo ipaakanyetsong ditlhopho tsa ngogola, a bolela fa ba ne ba seka ba ipona tsapa fa ba lalediwa go tla go tshotlha dikgang dingwe tse di neng di amana le tsamaiso le go ipaakanyetsa ditlhopho.
Mme Gaosekwe a re tshwaragano ya ofisi ya gagwe le komiti ya PLC kwa kgaolong eo e thusitse gore go seka ga nna le dikgang tse di neng tsa isiwa kwa makgotla tshekelong, tse di amanang le go ngongoregela tsamaiso ya ditlhopho.
Go sale foo, mogolwane go tswa kwa lephateng la tsa bong kwa Masunga, Mme Onneile Gababotse, o ne a gwetlha batsena bokopano joo, go thusa go lwantsha dikgang tsa kgokgontsho ka gotlhe mo go ka kgonagalang.
O boletse fa dikgang tseo, tse a boletseng di babalela segolo bogolo matshelo a bomme le bana ba basetsana di tshwenya fela thata, a tlhalosa fa ditshekatsheko di supa fa kgaolo ya Bokone Botlhaba e le ya bobedi go angwa ke kgokgontsho, e sala morago kgaolo ya Chobe.
A re batho ba tshwanetse go sekaseka ka fa ba godisang ngwana wa mosimane le wa mosetsana ka teng, go bona gore a go ka tswa go na le seabe mo go reng phelelong bomme ba felele ba angwa bobe ke kgokgontsho. Mme Gababotse a re go botlhokwa gore batho ba lebelele dintlha dingwe, tse di ka tswang di rotloetsa kgokgontsho le go nna ba bua ka dikgang tseo gangwe le gape mo bokopanong jwa bone ka go farologana.
Bangwe ba batsena bokopano joo, ba ne ba supa fa lehuma le ga ntsi le aparetseng bomme thata e le sengwe sa dilo tse di bakang gore ba babalelwe ke kgokgontsho.
Ba ne ba kopa lephata la bong go tsholetsa dinao, tebang le go tlhatlhelela gammogo le go tsaya megopolo mo sechabeng ka dikgang tsa kgokgontsho.
Rre Melton Monyamane o ne a supa bomme bangwe ka monwana, a re ba na le mokgwa wa go mpampetsa fa bana ba kgalengwa, fa go diragala ditiragalo tse di bosula mo lwapeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : phuthego ya komiti
Date : 06 Sep 2020