Monana o agela kokelwana lefelo le le tlhapelang diatla
06 Sep 2020
Monana kwa Mahalapye, Rre Tekanyo Moyo, o akgoletswe go tsosolosa mowa wa boithaopo ka go agela kokelwana ya Madiba lefelo la go tlhapela diatla.
Kgosana ya Madiba, Rre Sonny Mereyotlhe a re Modimo o segofatsa ba ba dirang jaaka Rre Moyo.
Kgosi Mereyotlhe o buile jalo ka Labotlhano kwa moletlong wa go rola mpho eo.
A re se se dirilweng ke Rre Moyo se tlaa nonotsha baeteledipele go dira ka mashetla, ka go lemoga fa batho ka bongwe ka bongwe ba eme ka dinao go lwantsha segajaja sa COVID-19.
Moeteledipele wa tsa botsogo wa kgaolo potlana ya Mahalapye, Dr Maxwell Mungisi, a re mpho ya ga Rre Moyo e tlaa thusa banni ba motse oo.
“Re le ba botsogo, re itumetse thata ka kgato e o e tsereng go re thusa go lwantsha kanamo ya mogare wa bolwetse jwa corona. Re a itse gore mo kokelwaneng go tsena batho ba le bantsi, jaanong go botlhokwa gore batho ba nne le fa ba ka tlhapelang diatla teng go thibela kanamo ya megare ka go farologana,” ga bua Dr Mungisi.
Rre Moyo a re o itumedisiwa ke gore o kgonne go diragatsa maikaelelo a gagwe a go thusa kokelwana ya Madiba.
A re o bonye a tshwanela go ithaopa gore a nne le seabe mo go thuseng kokelwana e, ka gore o godile a bona dithuso tsa botsogo kwa go yone, jaaka e le monni wa kgotla ya Madiba.
“Tota ke dirile se ka tlhotlheletso ya mowa wa Modimo le lerato fela. Ke ne ke ithaopile, ke sa duelwe ka gore batho ba bangwe ba dumela gore ke ne ke duelwa. Ke ne ke rarabolola kgwetlho e e neng e le teng fa ka gore maiteko a neng a setse a dirilwe a ne a sa lekana.
Ke ne ka ikopanya le mokhanselara wa kgaolwana ya Madiba, Rre Kamogelo Kgotlaetsile, le baeteledipele ba kokelwana e ke ba tlhalosetsa ka maikaelelo ame, ka bo ka bua gape le mme yo ke tshelang le ene ka mogopolo o ka gore ke ne ke bona gore ga re kake ra fenya segajaja se se re tlhasetseng se fa re sa tlhape diatla sentle ka fa go tshwanetseng, bogolo jang fa kokelwaneng,” ga tlhalosa Rre Moyo.
Rre Kgotlaetsile a re se se dirilweng ke monana yo ke go supa boikarabelo le go rotloetsa setshaba ka kakaretso go tswelela ka mowa wa boithaopo go lwantsha dikgwetlho tsa botshelo. A re le fa puso e dira ka thata go atolosa ditlamelo ka go farologana, go botlhokwa go thusa fa e tlhaetseng teng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Mahalapye
Event : Kabo dimpho
Date : 06 Sep 2020