Breaking News

Boipelego e roletswe sediba

06 Sep 2020

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o tseetse temo-thuo kwa godimo ka e le yone e ka ntshang lefatshe mo manokonokong a lehuma le tlhaelo ya dijo.

Se se builwe ka Labone, ke mogolwane wa lephata la temo-thuo kwa kgaolong potlana ya Mahalapye, Rre Aubrey Ranko fa a rolela setlhopha sa Boipelego Dam Group sediba o. 

A re manokonoko a segajaja sa COVID-19 mo itsholelong ya lefatshe a supile fa nako e tsile gore Batswana ba tlhagafalele temo-thuo.

Boipelego Dam Group ke setlhopha sa barui ba ba tlhakanetseng mafudiso ba le masome a mararo le borataro, borre ba le masome a mabedi le boraro le bomme ba le lesome le boraro kwa Bonwapitse. 

Setlhopha se, se na le dikgomo di le makgolo a mararo le lesome le bone, dihutshane di le makgolo a mane le masome mane le boraro le ditonki di le masome a mararo le boraro.

Rre Ranko o tlhalositse fa sediba e le bontlhabongwe jwa lenaneo la LIMID la go tlhabolola metsi a leruo la barui ba ba botlana mo lefelong la mafudiso aa tlhakanetsweng. 

“Ke lenaneo le le faphegileng le le itebagantseng le ditlhopha tsa barui ba ba botlana ba ba ruileng dikgomo tse di kwa tlase ga masome a mane ka palo. Le ba thusa ka go gokela didiba le go phatlalatsa metsi,” ga tlatsa Rre Ranko. 

A re go gokela sediba le go phatlalatsa metsi go lopile puso P215 000. 

A re go akola lenaneo le,  setlhopha sa barui se tshwanetse sa bo se na le palo ya maloko aa seng ka fa tlase ga lesome le botlhano. 

“Puso ga e lope sepe mo setlhopheng. Se se tlhokafalang fela ke gore setlhopha se tshwanetse sa bo se na le maloko a le lesome le botlhano go ya ko godimo gape mongwe le mongwe wa bone a na le kgomo e le nngwe fela go fitlha kwa go tse di masome a mane,” ga gatelela Rre Ranko. O lebogetse go nna teng ga bomme mo setlhopheng sa Boipelego le go bo go supilwe fa e le bone bagolo ba setlhopha se ikakatletseng ka bone.  

O ne a leboga khamphane ya Franklin Electrical go bo e dirile tiro e ka manontlhotlho mo nakong e e neng e neetswe.

“Re leboga le bone ba Boipelego Dam Group go bo ba bone gore ba ikopanye e le setlhopha. Nnang sekai mo ditlhopheng tse dingwe tse di leng teng mo lefatsheng le,” ga tlatsa Rre Ranko.

A re lephata la temo-thuo le eleletsa maikaelelo a setlhopha sa Boipelego katlego gore le tle le atise leruo la sone gore e re mo ngwageng tse di tlang a bo le alogile le matshelo a sone a tokafetse ‘ka gore re ruela leruo go tokafatsa matshelo a rona.’

Modulasetilo wa Boipelego Dam Group, Rre Fraiser Motaneko, o supile fa tsela e ba e tsamaileng go goroga fa ba leng teng e ne e aperwe ke dikgwetlho, mme a lebogela bopelotelele le kemonokeng e ba e filweng ke badiri ba lephata la temo-thuo. 

O tshepisitse gore ba tlaa babalela sediba,  a re maikaelelo a setlhopha sa bone ke go gweba mo go tseneletseng ka tsa temo-thuo gore ba jese Batswana.

Mogokaganyi wa lenaneo la LIMID, Mme Malebogo Malele, o kopile maloko a Boipelego go tswelela ka mafolofolo a ba a supileng le go nna sekao mo baruing ba bangwe.

Mookamela mapodisi a Mahalapye, Superintendent Omphile Malemenyane, ene o boletse fa dikgang tsa bogodu jwa leruo di golela pele, mme ka jalo a kopa barui gore ba seka ba lesa tlhokomelo ya leruo la bone mo diatleng tsa badisa.

Moletlo o, o ne o tsenwe ke Kgosi Tlotswana Tshegang wa Bonwapitse, moemedi wa ofising ya mopalamente wa Shoshong, Rre Motukisi Moremi, mogokaganyi wa tsa temo-thuo kwa kgaolong ya Legare, Rre Obert Mabutha le bagolwane ba babngwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : Mahalapye

Event : Kabo dimpho

Date : 06 Sep 2020