Breaking News

Go ikanya Modimo ke konokono

06 Sep 2020

Mogolwane wa lephata la thuto kwa Kanye, Rre Omphile Moloigaswe, a re Botswana ke lefatshe le le thaetsweng mo tumelong,  kagiso le thokgamo.

Ke ka moo go neng ga seegelwa fa thoko Lwetse gonna kgwedi ya merapelo.

Rre Moloigaswe o buile se fa a simolodisa semmuso kgwedi ya  merapelo kwa Kanye ka Labatlhano.

A re mo nakong e e fetileng, kgwedi ya merapelo e ne e itebagantse thata le go rapelela HIVAIDS, mme gompieno e tlaa akaretsa le segajaja sa COVID-19.

O boletse gore monongwaga, setlhogo ke: Modimo o a Kgathala, o Kgalemela Matsubutsubu a Botshelo. Rre Moloigaswe o kopile lekgotla la baruti le ba-tsaa-karolo ba bangwe gore merapelo e anamisiwe le kgaolo yotlhe ya Borwa.

A re mongwe le mongwe o ka tsaya boikarabelo jwa go rapela fa a leng teng ka nako tsotlhe.

O kopile botlhe go rapedisa dikole le go tlhagisa baithuti go sala morago melawana ya ba botsogo kgatlhanong le COVID-19.

Mogolwane wa lekgotla la BOCAIP, Mme Lorato Mphusu, ene o tlhalositse fa HIVAIDS e santse e le matshosetsi ka jaana batho bangwe ba sa obamele melawana e e ka fokotsang go anama ga mogare. 

A re dingwe tse di rotloetsang go anama ga mogare wa HIV ke go tlhoka godirisa sekausu sentle, go tlhakanela dikobo batho ba sa itsanye seemo sa bone sa mogare, le go nna le bakapelo ba bantsi.

Mme Mphusu a re o go botlhokwa gore ba ba mo diritibatsing ba di dirise jaaka ba laetswe ke ba bongaka, mme a ikuela mo baruting go rotloetsa batho ba ba ising ba nyalwe go letela nyalo pele ga tlhakanelo dikobo.

Mogolwane gotswa kwa lekalaneng la Motor Vehicle Accident Fund (MVA), Rre Thabano Mmusi, a re Botswana o kokonelwa ke dintsho tse di bakiwang ke dikotsi tsa tsela, ka jalo go botlhokwa gore badirisi ba tsela ba thuse puso go lwantsha bothata jo.

A re ka nako ya kiletso mesepele, dikotsi tsa tsela di ne tsa wela kwa tlase. 

A re dingwe tse di bakang dikotsi tsa tsela ke go kgweetsa motho a le mo sediding sa nnotago, tiriso ya mogala wa letheka motho a kgweetsa le go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo. 

Kgosi kgolo wa Bangwaketse Kgosi Malope II o ne a kopa morafe go itlhokomela ka go sala melawana ya botsogo go lwantsha COVID-19. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : Kanye

Event : Tshimolodiso ya kgwedi ya merapelo

Date : 06 Sep 2020