Breaking News

Nnang le tumelo - Seretse

03 Sep 2020

Mothusa motshwarelela bogosi jwa ga-Mmangwato, Kgosi Serogola Seretse, o kgothaditse setshaba go nna le tumelo mo Modimong.

A re botlhe ba tshwanetse go dumela gore kalafi ya segajaja sa COVID-19 e tlaa bonala, a tlhalosa fa a leboga Modimo gore HIV/AIDS e ne ya bonelwa diritibatsi.

Kgosi Seretse o buile se kwa Serowe bosheng fa a bula semmuso kgwedi ya thapelo kgatlhanong le HIV/AIDS le COVID-19.

O kopile setshaba go kopa Modimo gore kalafi ya kankere le yone e bonale ka bolwetse joo bo gapa matshelo a batho.

Father Boipuso Kaemana go tswa kwa BOCAIP ebile e le moruti wa St Gabriel kwa Serowe, o tlhalositse fa kgwedi ya thapelo e thailwe ke lekgotla la BOCAIP le puso go kgothatsa setshaba, go se ema nokeng le go gakologelwa botlhe ba ba tlhokafetseng ka ntata ya HIV/AIDS.

Father Kaemana a re baruti ba na le tumelo ya gore Modimo o tlaa tsaya taolo mo malwetseng otlhe. 

O kopile setshaba go kgothatsana gore go seka ga nna le dipalo tse di sha tsa HIV le COVID-19 a re ba a itumela ebile ba leboga Modimo ka go fola ga bangwe ba ba tshwarwang ka COVID-19.

Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Serowe, Rre Colleen Tubego, o kopile barapedi le setshaba gore ba bue ka lentswe le le lengwe gore Modimo a ba utlwele botlhoko.

A re puso e kgathala thata ka botsogo jwa setshaba mme le bone ba kgathale ka botsogo jwa bone gore maiteko a a dirwang ke puso a atlege. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Chendzimu Mbaeva

Location : Serowe

Event : Tshimolodiso ya kgwedi ya merapelo

Date : 03 Sep 2020