Khansele e tlaa gopa ditsela kwa Boteti
03 Sep 2020
Mogolwane wa lephata la ditsela kwa kgaolong potlana ya Boteti, Rre Unabatsho Matenge, a re go na le thulaganyo ya go gopa ditsela dingwe kwa kgaolwaneng eo.
O buile jalo fa a tsibogela matshwenyego a makhanselara mo phuthegong ya khansele potlana ya Boteti kwa Letlhakane bosheng.
Rre Matenge a re dikgwetlho tse ba nang le tsone ke gore motshine oo gopang ditsela tsa lekgarapana o mongwe fela, ka jalo tiro e nna bonya.
O supile gape gore ditsetlana tse di beilweng go laola segajaja sa COVID-19 le tsone di amile lenaneo la go tokafatsa ditsela tse di tlhokang go tshelwa lekgarapana.
A re tiego ya go abiwa ga dithendara le tlhaelo ya madi ke mangwe mabaka a kgoreletsang gore ditsela di tokafadiwe.
Rre Matenge a re tlhaelo ya bodiredi le yone e kgoreletsa tiro mo ofising ya lephata la ditsela.
E rile a itebaganaya le tsela ya Kedia/Mokobaxane, Rre Matenge a tlhalosa fa lephata la gagwe le na le dingwaga tse pedi le kopa madi a go dira tsela eo mme le sa atlege.
Le fa go ntse jalo, Rre Matenge a re seemo seo ga se kitla se ba kgopa marapo, mme ba tlaa tswelela ba dira maiteko a go tlhabolola seemo sa ditsela kwa kgaolong potlana ya Boteti.
Makhanselara a ne a supa fa a sa jesiswe diwelang ke ditsela tsa lekgarapana tse di gokaganyang metse mo kgaolong potlana ya Boteti.
Ba supile gore seemo seo se babalela badirisi ba dikoloi ka di senyega kgapetsa kgapetsa.
Ba ne ba tlhalosa fa ditsela di setse di epegile dikhuti ka jalo di tlhoka go shafadiwa ka go tshelwa lekgarapana.
Kopo ya bone ke gore seemo seo se tsibogelwe pele dipula di phaila go hema dikotsi tse di ka bakiwang ke dikhuti fa di tletse metsi.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Kedia/Mokobaxane, Rre Goratamang Gosalamang, o tlhalositse gore seemo sa tsela ya Kedia/Mokobaxane se kgoreletsa motsamao wa dikoloi.
Rre Gosalamang o kopile lephata la ditsela go kaba dikhuti tse di mo tseleng eo ka mmu ba santse ba letile madi a go e tshela lekgarapana.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Toromoja, Rre Martius Mbaeva, o supile gore go sale go umakiwa gore thendara ya tsela ya Toromoja/Rakops e a dirwa mme nako kgolo ke eno.
Mokhanselara Eric Sekausu wa Xere a re o tshwenngwa ke gore tsela ee gokaganyang Xere le Rakops ga e tlhokomelesege sentle.
Rre Sekausu a re tsela eo ga e dirwe sentle ka jalo e senyega motlhofo.
E rile a itebagnaya le tsela ya Motopi/Makalamabaedi, mokhanselara wa kgaolwana eo, Rre Onkhuparetse Monnaatsie a re go na le fa e emang metsi teng, ka jalo e tlhoka go tsenngwa dikholobete go bepisa seemo seo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Letlhakane
Event : Phuthego ya khansele
Date : 03 Sep 2020