Breaking News

Sunshine Afrika e abela sekolo sa Mantshwabisi

03 Sep 2020

Mokgatlho wa Sunshine Afrika o abetse sekolo se sepotlana sa Mantshwabisi melora le dibipamelomo tsa P14 000.

Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto kwa Molepolole, Rre Steve Bothasitse, a re ka nako ya kiletso mesepele ba ne ba lekola bana ba ba nnang kwa sekolong sa Mantshwabisi mme ba fitlhela bangwe ba sena dibipamelomo.

O supile fa ba ne ba ikgolaganya le mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Anderson Mathibe, go thusa.

Rre Bothasitse o tlhalositse fa ba eletsa gore sekolo seo se dire sentle le gore maitshwaro a bana a fetoge.

Mogokgo wa sekolo, Mme Sethunya Mmusi, o tlhalositse fa bontsi jwa  baithuti ba tswa kwa masimong le metsana e e senang ditlamelo jaaka Kolojane, Mosime, Lerulakala, Masope, Magakabe le Maseru.

Baithuti ba ba nnang kwa sekolong ba 319, mme ba ba nnang kwa malwapeng ba188.

Mogokgo a re maduo a sekolo ga se a itumedisang a supa fa e rile ngogola ba dira 28.2 per cent, matshwao a reng ga a farologane thata le a dingwaga tse di fetileng.

Mme Mmusi o tlhalositse fa ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go tokafatsa maduo, a supa fa ba tshwaraganye le bogogi go tokafatsa thuto.

A re sekolo se simolotse ka ngwaga wa 1973 se tsaya mophato wa bongwe go fitlha ka wa bone.

Mo tsamaong ya nako, mephato e ne ya oketsega, a tlhalosa fa erile ka ngwaga wa 2010 ba simolodisa go amogela baithuti ba ba nnang kwa sekolong.

Mokhanselara Mathibe ene o ne a supa fa a aba dimpho tseo mo boemong jwa mokgatlho wa Sunshine Afrika.

O supile fa mokgatlho o o simolotswe semmuso ke tautona wa pele Sir Ketumile Masire ka ngwaga wa 2012 mme maikaelelo a bone e le go thusa fa go nang le letlhoko teng.

Rre Mathibe o tlhalositse fa dimpho tse ba di abang di dirilwe ke kompone ya mo gae.

O ne a gwetlha batsadi le barutabana go nna le botsalano le bana gore fa ba na le mathata ba phuthologe go bua le bone, a bo a kopa bana go tsaya thuto ya bone ka tlhwaafalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Mantshwabisi

Event : Kabo dimpho

Date : 03 Sep 2020