Dipatlisiso di diya go baakanngwa ga dikago
02 Sep 2020
Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Kagiso Mmusi, a re go tsere sebaka gore dikago tse di senyegileng tsa sepodisi kwa Dibete di baakanngwe.
O boleletse palamentse bosheng gore se se bakilwe ke gore ka ngwaga wa 2012, go ne ga dirwa dipatlisiso tse di tseneletseng tsa lefatshe go bona gore dikago di senngwa ke eng.
Tona Mmusi o tlhalositse gore dipatlisiso tse di ne tsa seka tsa senola sepe, ka jalo se sa dira gore go dirwe dipatlisiso tse dingwe gape di itebagantse le motheo wa kago.
A re ba mo dipuisanong le Lephata la Matlo le Tlhabololo ya Dikago.
“Re tsentse ditlhogo gore re tswe ka tharabololo e e maleba. Tumelo yame ke gore dipuisano tsa rona di tlaa tswa ka tshwetso e re tlaa e diragatsang mo ngwageng wa madi wa 2021/2022,” Tona Mmusi a tlhalosa.
Rre Mmusi o ne a araba potso ya Mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, Rre Aubrey Lesaso, yo o neng a botsa gore ke eng go tsaya lebaka go baakanya dikago tse di senyegileng tsa sepodisi sa Dibete le gore lephata le ikaelela go di baakanya leng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Palamente
Date : 02 Sep 2020