Pole o kopiwa go ipaakanyetsa temo
02 Sep 2020
Banni ba Pole kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba kopilwe go ipaakanyetsa paka ya temo. Mo potsolotsong ka Labobedi, Kgosi Clinic Ketlogetswe o tlhalositse fa go le botlhokwa gore batho ba leme gore ba kgone go ijesa. A re ngogola go ne go lemile batho ba le palo potlana kwa Pole ka ntlha ya pula ee boutsana.
Kgosi o kopile banni gore fa pula e phaila, ba bo ba setse ba ipaakanyeditse go baya tema, go itsa mosuke wa go emela diterekere.
Kgosi a re o dumela fa batho ba setse ba tshaba go lema ka ntlha ya pula ee boutsana, mme a kgothatsa morafe gore ba nne le tshepo ya gore monongwaga pula e tlaa na. O kopile balemi go agelela masimo nako e santse e le teng, go itsa leruo go senya.
Kgosi Ketlogetswe o ne a gakolola beng ba diterekere gore le bone ba ipaakanye go tlhomamisa gore didirisiwa tsa bone di mo maemong aa siameng ka nako ya temo.
Kgosi o kopile botlhe ba ba tlaa tsayang peo mo balemising go e tlhokomela le go e jwala ka fa go laetsweng ka teng.
A re balemi kwa Pole ba kgona go roba thobo e kgonang go jesa ba malwapa a bone, mme ebile ba roba le sunflower le lablab go jesa leruo.
O tlhalositse fa motse o, o segofetse ka lefatshe la temo, e bile banni botlhe ba ba nang le kgatlhego ya temo ba na le masimo.
A re go le gantsi batho ba palelwa ke go lema ka ntlha ya gore ga gona lefatshe la temo, mme a re se ga se matshwenyego kwa Pole.
Kgosi Ketlogetswe o gateletse fa go le botlhokwa go lema monongwaga, go thusa puso ka go dira dijo ka e le ngwaga o Botswana jaaka mafatshe a mangwe a aperweng ke segajaja sa COVID-19.
O gwetlhile Motswana mongwe mongwe le yo e seng wa Pole go kgothala go itirela dijo kwa masimo, ka puso e ka se kgone go jesa Batswana jaaka gale ka ntata ya COVID-19.
A re Batswana ba tshwanetse go tlhaloganya gore puso e isitse madi a mantsi kwa go lwantsheng bolwetse jo, ka jalo go le mo maruding a Batswana go ithusa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : POLE
Event : Potsolotso
Date : 02 Sep 2020