Komiti ya boitekanelo e aba dijo
01 Sep 2020
Komiti ya boitekanelo go tswa kwa ofising ya ga molaodi kwa Palapye, e abetse lelwapa la ga Rre John le Mme Keleagetse Ishmael dijo le melora bosheng.
Moemedi wa ofisi ya ga molaodi, Rre Thuso Enerst o ne a tlhalosa fa komiti e ne ya tlhopha boora-Ishmael kwa Moremi ka thuso ya ga mmaboipelego le kgosi.
Rre Enerst a re tumalano e ne ya nna gore mongwe le mongwe a ntshe se a ka se kgonang gore maiteko a bone a atlege, ka Motswana a rile setshwarwa ke ntja pedi ga se thata.
A re boora Ishmael ga ba a nna fela, ba a ikgaratlhela ka ba na le dipodi le dikoko tse ba itshetsang ka tsone.
Kgosi Major Days wa Moremi, o lebogetse dimpho le go kgothatsa komiti go tswelela ba thusa.
A re maiteko a bone a supa fa e le bana ba Batswana tota ba ba kutlwelobotlhoko.
O rotloeditse bana ba lelwapa go tsaya mananeo a puso, go thusa batsadi ba bone le go lwantsha lehuma.
Mme Ishmael o lebogile komiti le go ba baya fa pele ga Modimo gore ba segofale. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : Moremi
Event : Kabo dimpho
Date : 01 Sep 2020