Breaking News

Mopalamente o rotloetsa tlhokomelo

01 Sep 2020

Mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Bokone, Mme Talitha Monnakgotla, o gwetlhile banni ba Inalegolo go nna podi matseba ka dinako tsotlhe go hema dikotsi tsa bana fa ba ile go bapala sengaparile.

O ntshitse tlhagiso eo ka Matlhatso mo phitlhong ya ngwana wa dingwaga tse thataro morago ga go latlhegelwa ke botshelo a le mo motlhaleng wa batsadi ba ba neng ba dule letsholo la papadi ya sengaparile mme ka go tlhoka lesego a ya le naga, kgwedi eno e le lesome le boferabobedi.

 Go bolelwa fa tiragalo eo, e diragetse kgwedi eno e le lesome le boferabobedi morago ga dipelaelo tsa gore ngwana yoo, o ne a tlogelwa le monnawe wa dingwaga tse tharo mo kampeng nngwe gaufi le Kokotsha mme go belaesega gore morago ba ne ba tsena mo tseleng go leka go latela batsadi.

Go ya ka pego ya ofisi ya sepodisi, batsadi ba begile kgang ya go nyelela ga ngwana morago ga malatsi a le mararo, mme ka go tlhoka lesego ngwana a bonwa a tlhokafetse.

Mme Monnakgotla a re tiragalo eo, e ngomola pelo ka jaana batsadi ba ne ba dule letsholo go ya go iphataphatela go bona letseno gore ba kgone go tlamela ba malwapa a bone.

Ka jalo, Mme Monnakgotla o gwetlhile batsadi go tlhomamisa pabalesego ya bana, jaaka ba tsweletse ka maano a go itshetsa.

Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Kokotsha, Mme Montle Sethebe a re moswi o ne a le mo setlhopheng sa baithuti ba ba santseng ba tsamaisiwa tshipidi tonto e le go ba baakanyetsa go simolola mophato wa ntlha.

Mme Sethebe a re batsadi ba tshwanetse ba rera mesepele le bana, le fa ba ka tswa ba le babotlana gore ba lemoge maikutlo a ngwana gore a o eletsa go sala kana go tsamaya go hema dikotsi.

Kgosi Keamogetse Gubi o ne a supa fa a sa jesiwe diwelang ke batsadi ba ba phuaganyang bana fa go tla nako ya go bapala sengaparile.

A re go le gantsi, batsadi ba tlogela bana ba sena batlhokomedi le ntswa ba tsaya nako e ntsi ba le mo nageng, mme a re seo se ka felela se ama kgolo ya bone.

O ne a gwetlha batsadi go ithulaganya sentle mo nakong e e tlang ya go bapala sengaparile.

Kgosi Gubi a re ba tlhomamise gore bana ba sala mo diatleng tsa batlhokomedi go itsa go tsenya matshelo a bone mo diphatseng.

Mokhanselara wa Kang Borwa, Rre Stephen Lekgobero a re le fa go le boamaruri gore botshelo bo boima mo mafelong a a kgakala le ditlamelo, batsadi ba rotloediwa go ithulaganya sentle, ba tla ka methale e e babalesegileng ya go itshetsa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Inalegolo

Event : Phitlho

Date : 01 Sep 2020