Breaking News

Puso e tlaa tlhotlhomisa kgokgontsho

01 Sep 2020

Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks a re palamente e tsere tshwetso ya go tlhoma lekoko le le tlaa tlhotlhomisang kgolo ya dikgang tsa kgokgontsho ya bana le ya bong e go supegang fa e golela pele.

Rre Brooks o buile jaana kwa kgotleng ya Bokspits ka Matlhatso fa a ne a abela banni ba koo dikobo.

A re kgolo eo e senogile mo nakong e khutshwane morago ga go emisiwa ga mesepele go lwantsha kanamo ya mogare wa corona.

A re kgokgontsho ya maikutlo, dititeo, thubetso kana tlhakanelo dikobo e e sa dumalanwang bogolo jang mo baneng ba bannye ba ba kwa dikoleng di atile.

Rre Brooks o supile gape gore kgolo ya kgokgontsho ya go tlhakanela dikobo ntle le tumalano e oketsegile gape mo bathong ba ba dikobo dikhutshwane, seemo se a reng se a tshwenya mme se tshwanelwa ke go tsibogelwa ka bonako.

A re seemo se, ga se jese puso di welang mo ebileng Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi a tshematshemang go bona gore seemo se a bepa.

Rre Brooks a re mapalamente ba ikaeleletse gore fa palamente e wela, ba tswe letsholo kwa dikgaolong tsa bone, go bua ka kgokgontsho ya bana le ya bong mme ba kgale badiramelato go ba busetsa mo tseleng.

O tlhalosistse fa puso e ikaelela go tseela bakgokgontshi dikgato tse di gagametseng.

A re palamente e dumalane le tshutiso e e duleng kwa palamenteng bosheng gore go nne le lekoko le le tlaa dirang ditshekatsheko tse di tseneletseng ka bofefo gore go bonwe gore a go gola ga kgokgontsho go nnile ka lebaka la kiletso mesepele kana kgokgontsho e ne e ntse e le teng mme e sa lemogwe.

Rre Brooks a re morago ga dipatlisiso, puso e tlaa tswa ka maano a go bona gore kgokgontsho e a nyelediwa.

A re bana ke isago ya lefatshe mme go botlhokwa gore batsadi ba ba tlhokomele, ba babalele matshelo a bone mo go ba ba kgokgontshang.

A re batsadi ba tshwanetse ba nna podi matseba nako le nako e bile letlhoko la bone kana lehuma le seka la ba raela go bipa mpa ka mabele fa bana ba kgokgontshiwa.

O bile a ba tlhaba posi matseba gore ba ele tlhoko gore fa motho a tla a phatsima kana a na le maemo mo setshabeng mme a kgokgontsha ngwana, ga go a tshwanela go letlelelwa ka go borai e bile go ka senya bokamoso jwa ngwana.

O rotloeditse batsadi go ikuela kwa go ba molao le ba ba maleba le gore fa seemo se tlhagoga, ba seka ba tsiediwa ke go ja.

Rre Brooks a re dipalo go ya ka sepodisi, di supa fa dikgang di gola mme go abelelwa fa di ka tswa di feta tse di begilweng ka gore bangwe ga ba bege fa bangwe ba di boela morago.

A re go supega fa dikgang dingwe tse di amang bana di begilwe mme go tsere dingwaga go sa tsewe dikgato.

A re go botlhokwa gore diemo di tsibogelwe ka bonako gore bana ba thusiwe.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Brooks o boletse fa puso e tsweletse ka go leka go tokafatsa matshelo a banni ba Kgalagadi Borwa mme o kopile gore go tshelwe tsela e e yang kwa Kgalagadi Transfrontier Park go godisa bojanala mo kgaolong gore banni ba akole maduo a jone.

A re o kopile tona wa tlhabololo dikago le ditsela go tla go tlhodumela seemo sa tsela e e neng e sa ntshediwa madi mo ditogamaanong tsa ditlhabololo tsa paka e.

A re o tlaa kopa gore tsela eo, e kopelwe madi gore e dirwe.

Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo ya Bokspits, Mme Rachel Esterhuizen o lebogetse dimpho ka di tlaa thusa banni mo dipakeng tsa mariga.

A re letlhoko la ditiro le godile morago ga go emisiwa ka nakwana ga Ipelegeng jaanong go tlhokega gore go bulwe madirelo kwa metseng ya Bokspits, Rappelspan, Vaalhoek le Struizendam (BORAVAST Cluster) gore banni ba bereke ba itshetse.

Mme Esterhuizen a re phulo ga e yo le leruo le a swa, mme go tlhokega maano a go le jesa ka e bile Kgalagadi a le sekaka le metsi a seyo.

Mopalamente Brooks o boletse fa maikaelelo a puso e le go tlhama ditiro le go tokafatsa matshelo a Batswana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Bokspits

Event : Kabo dimpho

Date : 01 Sep 2020