Breaking News

Mapodisi a tsoma banna bangwe

01 Sep 2020

Mapodisi a Serowe a kopa setshaba go thusa go batla batho bangwe ba ba tlhorontshang banni ba motse oo ka go ba amoga madi ka go ipitsa mapodisi a sephiri.

Mo potsolosong bosheng, Superintendent Poloko Oteng o boletse fa e rile kgwedi ee fetileng ba amogela pego go tswa mo go mme wa dingwaga tse di masome mane le bosupa mabapi le go tseelwa madi.

O boletse fa mosadi yoo, a ne a le kwa mmolong wa Boiteko gone kwa Serowe, a sena go tswa mo bankeng kwa a tsereng P800.

Superintendent Oteng re mme yo, o tlhalositse fa e ne yare a ntse a le fa koloing ya gagwe ga tla monana mongwe a mmolelela gore o sedile madi a mantsi fa tlase ga koloi ya gagwe.

A re fa ba ntse ba buisana, go ne ga tsena borre ba le babedi ba kaya fa ele mapodisi a eseng a seaparo mme ba le mo ditlhotlhomisong tsa go nyelela ga madi.

Go bolelwa fa manweenwee ao, a ne a ipaya jaaka ekete a tshwara mosimane yoo o neng a santse a bua le mme yoo, mme ba bolela fa ba mo tseela kwa diofising tsa sepodisi go mmotsa dipotso.

Ka sebaka seo, ba ne ba tsaya karata ya banka le nomoro ya yone le madi otlhe aa neng a le mo go mme yoo.

Superintendent Oteng a re ba ne ba laela gore mosadi a time megala ya gagwe yotlhe ya letheka ka gore ba santse ba tlhotlhomisa go nyelela ga madi e sere gongwe ga kgoreletsa ditlhotlhomiso tsa bone.

O tlhalosa fa ba ne ba laela mme yoo go ba emela fa marekisetsong a Choppies fa kgotleng ya Botalaote.

A re ya re go bona mapodisi ao a tsene ka lenga la seloko, mosadi a tlelwa ke go thobaela, mme a leletsa mapodisi a e rileng a goroga ba kaya fa go sena bape go tswa kwa ofising ya bone ba ba tlhotlhomisang kgang ya mohuta oo.

E rile go bula mogala wa gagwe, mosadi yo  a fitlhela go supa fa karata ya gagwe e dirisitswe kwa Palapye.

Superintendent Oteng a re go ne go supagala sentle gore karata e ne e tsaya dilwana tsa P10 692 kwa marekisetsong kwa Palapye,  dithoto dingwe gape tsa P5 475, dilwana tse dingwe tsa P3 885, dithoto dingwe gape tsa P1 079, ka nako ele nngwe fela letsatsi leo kwa marekisetsong a farologaneng. O boletse fa madi otlhe a dira P23 931, go balelwa le P800 yo ba mo tsereng pele.

Rre Oteng o boletse fa ba santse ba le mo ditlhotlhomisong, mme a supa fa e se tiragalo ya ntlha. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Potsolotso

Date : 01 Sep 2020