Moithuti o abelwa kgomo
31 Aug 2020
Moithuti wa pele wa sekolo se segolwane sa Linchwe II kwa Mochudi, Rre Gift Nakedi, o abetswe mpho ya kgomo go mo lebogela maduo a mantle mo ditlhatlhobong tsa gagwe tsa makgaola kgang.
Moithuti yo, o ne a gaisa baithuti botlhe ba sekolo sa Linchwe II mo ditlhatlhobong tsa makgaola kgang tsa mophato wa boraro, ngwaga o o fetileng.
Mpho eo e rotswe ke mopalamente wa Kgatleng Bophirima, Rre Mmusi Kgafela ka Labotlhano.
Rre Mmusi a re go a itumedisa go bona go na le bangwe ba ba lemogang le go rotloetsa tiro e ntle e dirwang ke baithuti.
Rre Kgafela, yo gape e leng Tona wa Lephata la Dikago le Matlo, a re se se tlaa rotloetsa moithuti yo gore a tswelele ka go tsaya dithuto tsa gagwe ka tlhwaafalo gore a kgone go fitlhelela ditoro tsa gagwe.
Rre Kgafela o akgoletse barutabana go dira tiro e ntle, e a reng e supiwa ke maduo a bana.
O tsweletse a ba kgothatsa gore le ntswa ba lebanywe ke dikgwetlho ka go farologana, ba tswelele ka go tshwara ka thata.
Fa a tswa la gagwe, moabi wa kgomo ya letsopa la Simmental, Rre Thapelo Setlalekgosi, a re o abetse moithuti kgomo go mo rotloetsa le go nonontsha lerato la gagwe mo go tsa temo-thuo.
O ne a supa fa kgomo eo e dusa.
A re se a se dirang ke go kaela moithuti tsela ya boammaruri mo isagong le go mo eleletsa gore botlhale jwa gagwe bo gole le go feta.
Rre Setlalekgosi o ne a rotloetsa baithuti ba bangwe gore ba tshware ka natla mo dithutong tsa bone, a tlatsa ka gore go dira jalo ke go ipulela ditsela tsa botshelo.
Mo mafokong a gagwe a go amogela mpho, Gift o tlhalositse fa a dira mophato wa bone kwa sekolong sa Molefi.
O ne a lebogela Rre Setlalekgosi bopelontle jwa gagwe.
Gift o ne a lebogela mmaagwe go bo e le ene seikaego sa gagwe ka dinako tsotlhe fa a ralala dikgwetlho.
Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Linchwe II, Rre Thari Phometsi, o lebogetse se se dirilweng ke moithuti yoo, a re ke mongwe wa ba ba dirang gore barutabana ba rate tiro ya bone le go feta.
Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : MOCHUDI
Event : Kabo mpho
Date : 31 Aug 2020