Breaking News

LEA e rutuntsha Batswana ka tsa kgwebo

31 Aug 2020

Mookamedi wa LEA kwa Francistown, Mme Dynah Solani, a re lekalana la bone le itebagantse le go ruta le go fa bogakolodi mo go tsa kgwebo.

Mme Solani o buile jalo kwa dithutong tsa kgwebo tsa malatsi a matlhano kwa Letlhakane ka Labotlhano.

A re lenaneo le le mosola ka jaana le rotloetsa batho ba le bantsi go tsenya dikopo.

Le fa go ntse jalo, a re ga ba kgone go tsaya dipalo tse dintsi ka lebaka la tlhaelo ya madi le ditlamelo. Mme Solani a re dithuto tse di botlhokwa ka jaana difa batho sebaka sa go tlhaloganya gore kgwebo ke eng e bile e tsamaisiwa jang.

A re dithuto tse di thusa batho ba ba mo kgwebong le ba ba eletsang go tsena mo go yone go ikala gore a mme ba nonofetse go nna bagwebi.

Mme Solani a re ba tsena dithuto ba rutiwa go dira mealo le go batla mmaraka, a tlhalosa gore morago ga dithuto tse, ba tlaa bo ba tshwanelwa ke go isa dipolane tsa bone tsa kgwebo tse difeletseng kwa LEA.

O tlhalositse gape gore batho ba itumelela dithuto tse ka di dira pharologanyo e ntsi e bile di ba nonotsha mo megopolong ya bogwebi. A re segajaja sa COVID-19 se file bagwebi sebaka sa go lemoga gore go itirela dijo mo lefatsheng la bone go botlhoka.

O tsweletse a tlhalosa gore bagwebi ba ba amegileng thata ke ba bojanala, a re ba ba gakolotse gore ba seka ba tswala madirelo a bone. Mongwe wa batsena dithuto tse, Rre Matshwenyego Baganetseng, a re LEA e ba butse matlho, gape e ba file kitso ka tsamaiso ya kgwebo.

A re dithuto tse di botlhokwa ka gore di ba rutile dilo di le dintsi jaaka tiriso ya madi le methale e mengwe ya kgwebo.  Rre Baganetseng a re o solofela gore botlhe ba tlaa ya go di dirisa go godisa le go nonotsha dikgwebo tsa bone. 

Rre Morwadi Borekilwe ene a re o butse kgwebo ya Internet cafe ka madi a gagwe. A re dithuto tse di mo rutile dilo di le dintsi ka kgwebo, ka jalo o ikaelela go ya go adima madi go godisa kgwebo ya gagwe. Motlhatlhelela dithuto wa LEA, Rre Victor Ramaribana, a re ba ruta bagwebi go dira lenaneo la kgwebo le go batla mmaraka wa kgwebo. 

A re baithuti ba ne ba tsaya dithuto tse ka tlhwafalo e bile mongwe le mongwe wa bone o dirile sentle. Dithuto tse di ne di tsenwe ke batho ba le masome a mabedi le botlhano go tswa kwa Boteti. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : Thuto puisano

Date : 31 Aug 2020