Breaking News

Morutabana o ikaleditse

31 Aug 2020

Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome a marataro le bongwe a fitlhetsweng a akgega mo ntlong kwa morakeng wa gagwe gaufi le Dimajwe.

Mogolwane wa mapodisi, yoo okametseng Serowe le Palapye, Senior Superintendent Paul Oketsang, o boletse fa rre yoo e ne e le morutabana kwa sekoleng se segolwane sa Letlhakane kwa Boteti.

A re moswi o ne a na le ba bangwe kwa morakeng, mme ba fitlhetse a ikaleditse mo mosong.

Go ne ga begelwa mapodisi a mo nakong eno a sa ntseng a tlhotlhomisa tiragalo e. 

Mokaulengwe wa gagwe yo ba tsenang kereke mmogo, Rre Oabona Ofentse, o boletse fa moswi a ne a sa supe dikai tsa gore go na le sengwe se se mo jang mo moweng.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Senior Superintendent Oketsang o boletse fa ba tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di fa gare kwa Palapye ka molato wa go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo fa gare ga motse, e bile a feta dikoloi tse dingwe fa go sa tshwanelang.

O kaile fa a ne a felela a thula koloi e nngwe, e mokgweetsi wa yone a feletseng a robega maoto. 

Yo o gobetseng o ne a ragosediwa kwa kokelong ya Nyangabgwe kwa Francistown. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : potsolotso

Date : 31 Aug 2020