Dikgang tsa tiriso bana botlhaswa di a tshwenya
31 Aug 2020
Mogolwane wa mapodisi a District No.8, Senior Superintendent Sarah Gabathusi, a re dikgang tse di amang tiriso botlhaswa ya bana di a tshwenya.
Senior Supt Gabathusi o tlhalositse se kwa phuthegong ya khansele potlana ya Boteti bosheng.
A re bangwe ba ikgatholosa molao ka go tlhakanela dikobo le bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase. Senior Supt Gabathusi a re sepodisi se dira maiteko a go ruta bana, borre le setshaba ka ditlamorago tsa melato e.
A re ga ba robadiwe ke dikgang tsa dipetelelo tse di kwa godimo kwa Letlhakane.
A re go bega kgokgontsho ya bong ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe.
Senior Supt Gabathusi O ne a kopa makhanselara le bogogi jwa metse go tshwaraganela dikgang tsa kgokgontsho ya bong.
Molaodi wa kgaolo ya Boteti, Rre Ewetse Selelo, a re dikgang tsa goima ga bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase di a tshwenya.
Rre Selelo a re batsadi bangwe ga ba bege dikgang tse, a tlatsa ka gore go dumelanwe gore ba bongaka ba tlaa neela ba boipelego dikgang tse go ditlhotlhomisa ba bo ba di fetisetsa kwa sepodising.
Rre Selelo a re go agiwa ga kampa e ntsha ya sepodisi kwa Lettlhakane go diilwe ke gore mongwe yo o neng a tsene dithendara o ikuetse mabapi le ka fa e abilweng ka teng.
A re dikgang tsa bangongoregi ba dithendara e dirwa ka tsamaiso ya molao mme se, se ka baka gore bangwe ba dumele gore ga go a tsamaisiwa sentle.
Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : LETLHAKANE
Event : potsolotso
Date : 31 Aug 2020