Boineelo seikokotlelo sa kgwebo
31 Aug 2020
Mogwebi wa Malatswae kwa kgaolong ya Legare, Mme Bibilila Mosinyi, o gwetlhile bomme go ikemela ka dinao go tlhomamisa gore malwapa a bone ga a wele mo isong.
Mo potsolotsong bosheng, Mme Mosinyi o supile fa puso e tsile ka mananeo a le mmalwa go thusa Batswana, jalo go botlhokwa gore bomme ba seka ba ipona tsapa go ikamanya le one segolo jang ka e le bone ba aparetsweng ke lehuma.
A re o lemogile gore dikgwebo-potlana di akaretsa thuo ya dikoko le dihutshane le temo ya merogo, di bonolo go dirwa mme ebile di bogadi bo gaufi, ka jalo go se mme ope yo o ka retelelwang ke go di dira.
Mme Mosinyi, yo o tlholegang kwa Serowe mme a sa le a nnile kwa Malatswae go tloga ka 1982, o rotloeditse bomme ba ba mo kgwebong go tsamaisa dikgwebo tsa bone ka matsetseleko le go di dibela kgatlhanong le go phutlhama.
A re sengwe se se botlhokwa mo kgwebong ke go nna le mekwalo ya tsamaiso kgwebo, e a tlhalositseng fa e le yone seipone se kgwebo e ikanokang ka sone.
Bogole jo bongwe jo a bo lemogileng mo bagwebing, a re ke go sa boloka dipoelo tsa kgwebo, selo se a kaileng fa se itsa dikgwebo go gola.
Mme Mosinyi a re go jela mo ganong mo ga bagwebi go bakwa ke go tlhoka go tlhomama mo go se mogwebi a eletsang go se fitlhelela mme e re fa a tlhagelwa ke dikgwetlho, a ine letsogo ka kwa kgwebong go ithusa.
A re g dira jalo ga go a siama ka go koafatsa yone kgwebo mme kgabagare e phutlhame.
Mme Mosinyi, yo o nang le dikgwebo di le mmalwa kwa motseng oo di akaretsa marekisetso a Chibuku, semausu, lebentlele le kgwebo ya dikoko tsa mae, o bile gape a gatelela botlhokwa jwa bopelotelele mo kgwebong.
Fa a latedisa motlhala wa gagwe mo go tsa kgwebo kwa Malatswae, a re e ne yare morago ga go thapiwa ke mongwe wa lesika go ya go bereka mo semausung koo ka 1982, a rata botshelo jwa kwa motseng oo, mme a felela a o fetotse legae la sennela-ruri.
O tlhalositse fa e rile go bona ka fa kgwebo e a neng a e thapetswe e neng e dira bontle ka teng, a tlelwa ke kakanyo ya gore le ene a itshimololele ya gagwe, mme ya re ka 1985 a bula marekisetso a Chibuku.
A re kgwebo eo, e a santseng a e tshegeditse le jaana, e ne ya dira bontle mme ya mo kgontsha go simolola e nngwe ya semausu ka 1987, e le yone e santseng e itshegeleditse le mo nakong e.
Mogwebi yoo a re dikgwebo tsoo-pedi di ne tsa mo tlodisa dinokana di tletse ka di ne tsa mo kgontsha go tshetsa ba lelwapa la gagwe ga mmogo le go tsweledisa ditoro tsa gagwe tse dingwe tsa kgwebo.
Ka a le mme yo o ratang kgwebo thata, Mme Mosinyi a re e ne ya re ka tsamao ya nako a thulanya ditlhogo le bana ba gagwe mme ba tla ka mogopolo wa go bula lebentlele, toro e a kaileng fa e ne ya kgonagala ka 2013.
Mme Mosinyi a re go kgona ga gagwe mo kgwebong go supa fa bomme ba na le bokgoni jwa go fitlhelela dikeletso tsa bone mo botshelong, mme ka jalo ba tshwanelwa ke go seke ba ipona tsapa go inaakanya le dikgwebo ka le bone ba ka kgona fela jaaka borre. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : Malatswaee
Event : Potsolotso
Date : 31 Aug 2020