Breaking News

Makhanselara a kopa koketso ya ditlhwatlhwa

31 Aug 2020

Makhanselara a khansele potlana ya Serowe a kopile lekalana la Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) go sekaseka ditlhwatlhwa tse le rekang ka tsone.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Keneilwe Monageng, a re tiro e e dirwang ke balemi e ntsi thata mme BAMB e  reka thobo ka ditlhwatlhwa tse  di kwa tlase.

Rre Monageng o ne a akgela mo pegong ya mogolwane wa BAMB, Mme Boipuso Nyatshane, yo o neng a tsibosa makhanselara ka ditirelo tsa bone le ka fa ba thusang balemi ka teng.

Rre Monageng a re go utlwisa botlhoko ka thobo e tshwana le ya dinawa e na le tiro e ntsi ebile balemi ba tshwanelwa ke go tlhopha dinawa mme ba nna le ditshenyegelo tse dintsi ka ba duela ba ba ba thusang.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Mogatsapoo, Rre Vuyo Yane, ene o ne a kopa BAMB go sekaseka ditsamaiso le go leba gore ba ka thusa balemi jang gore ba seka ba nna le ditshenyegelo tse dintsi tse di sirang gore ba seka ba nna le dipoelo.

Fa a tsibogela dikakgelo tsa makhanselara, Mme Nyatshane o ne a supa fa ngongorego ya balemi e tswa kgakala.

A re se BAMB  e se dirang ke go ba rutuntsha gore ba leme jang go bona dipoelo.

Mme Nyatshane a re go thata gore BAMB e ka oketsa ditlhwatlhwa tse e rekang ka tsone mo baleming ka go ka nna thata go bona kwa e ka rekisang thobo eo teng. 

A re mmaraka wa go reka thobo o butswe mme ba ba rekang ba ka reka gongwe le gongwe le kwa ntle ga lefatshe leno ka jalo a re BAMB e baya ditlhwatlhwa e lebile gore e iteisanye borathana le mebaraka e e kwa ntle. 

Mme Nyatshane a re ba amogela kgang ya gore ditlhwatlhwa di sekasekwe mme a tlhalosa gore e tlaa re mo ngwageng ono, ba bitse balemi go buisanya ka dikgang tsa mmaraka le ditlhwatlhwa.

A re mo dipuisanyong tseo, balemi le ba-na-le-seabe ba tlaa ntsha megopolo ya bone gore ba ka kgotsofala fa go ka rekwa thobo ya bone ka bokae.

Fa  itebaganya le kgang ya dinawa, Mme Nyatshane a re fa BAMB e reka dinawa, e dirisa ditsetlana tse di beilweng ke ba Bureau of Standards. 

Ditsetlana tseo di tlhalosa gore dinawa di tshwanetswe go rekwa di sa tlhakatlhakana ebile e le tsa mmala o o tshwanang gape di sa tshelwa motswako ope.

A re o dumalana le kgang ya gore gongwe go ka thusiwa balemi bogolo jang ba dinawa go tlhopha dinawa. Le fa  gole jalo, o ne a supa fa kgang ya go kgaoganngwa ga dinawa e ka nna kgwebo mo go bangwe ba ba ka kgonang go e dira ba rekile metshini e e tlhophang kana e tlhatswa dinawa  ba bo ba duedisa madinyana a le bone ba ka itshetsang ka one.

Mme Nyatshane a re BAMB e tlhamilwe ka molao wa palamente wa 1974 gore go nne le mmaraka wa thobo.

A re ka ngwaga wa 2016 puso e ne ya rolela BAMB tiro ya go rekisetsa barui melemo ya leruo le dijo tsa leruo e mo nakong eno e santse e e dira.

A re BAMB e na le selekanyo sa mabeelo a thobo se le sentsi mme sebe sa phiri ke gore mabeelo ao ga a tsenye bokete jwa thobo eo ntateng ya gore thobo e nna kwa tlase. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Serowe

Event : Phuthego ya khansele

Date : 31 Aug 2020