Breaking News

Borukutlhi bo wetse tlase kwa Sefhophe - Segwabe

31 Aug 2020

Kgosi Segwabe Segwabe wa Mmadinare a re o itumelela go bona borukutlhi bo wetse tlase kwa motseng oo.

Kgosi Segwabe o boletse mo potsolotsong fa go tlhongwa ga kampa ya sepodisi kwa Sefhophe go thusitse thata.

A re ba itumelela gore mapodisi a filwe koloi go ba thusa go tsibogela dikgang tsa borukutlhi ka bofefo.

A re bogodu jwa leruo bo kile jwa bo bo sa robatse banni ba Sefhophe, a tlhalosa fa ba ba neng ba neetswe dipudi tsa nyeletso lehuma ba setse ba iphotlhere ka di ne tsa tsena ka lenga la seloko.

Kgosi Segwabe a re phokotsego ya borukhutlhi e netefadiwa ke kwelotlase ya dikgang tse di kwadisiwang kwa lekgotleng..

O supile fa palo ya mapodisi e tlhoka go okediwa ka Sefhophe a setse a godile.

Kgosi Segwabe o supile fa banni ba Sefhophe ba aperwe ke letlhoko la ditiro, selo a reng se itshupile thata morago ga go tlhagoga ga segajaja sa COVID-19, se se pateleditseng go seegelwa fa thoko ga lenaneo la Ipelegeng.

A re bontsi jwa batho ba ne ba ikaegile thata ka lenaneo le go jesa malwapa a bone, a tlatsa ka gore tlala e gakaditswe ke gore balemi ba ne ba beile ditema mme ba retelelwa ke go roba ka tlhokomelo e ne ya seka ya nna yone ka lebaka la kiletso mesepele.

Kgosi Segwabe a re banni ba Sefhophe ke balemi barui mme ba tlhaelelwa ke lefatshe la thuo le temo, a kopa ba ba nang le masimo go adima ba ba nang le kgatlhego ya go lema go a dirisa.

A re COVID-19 e butse bontsi matlho ka melelwane e ne ya tswalwa mme Batswana ba tshwanelwa ke go tla ka methale ya go itshetsa.

Kgosi Goutwa Alethaeng wa kgotla ya Mafoko ene o supile fa banni ba Sefhophe ba tsweletse ka go sala ditaelo tsa ba botsogo morago go thibela kanamo ya mogare wa corona. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Sefhophe

Event : Potsolotso

Date : 31 Aug 2020