Mopalamente o thusa baithuti
30 Aug 2020
Dikolo di le lesome le bone tsa kgaolo ya Molepolole Borwa di amogetse di dirisiwa tsa thuto go thusa baithuti go itlhokoletsa ditlhatlhobo tsa makgaola kgang tsa monongwaga.
Dimpho tseo, tse di tswang mo go mopalamente wa kgaolo, Rre Kabo Morwaeng, di tlaa abelwa baithuti ba le 5 014 ba mephato e tlaa bong e kwala ditlhatlhobo.
Dimpho di ne tsa rolelwa semmuso kgosi kgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari Sechele 111, ka Labotlhano.
Fa a rola dimpho, Rre Morwaeng, yo gape e leng Tona wa Merero ya Ofisi ya ga Tautona Tsamaiso Puso le Bodiredi, o ne a rotloetsa tshwaragano ya ba-na-le-seabe mo tlhabololong ya thuto. A re o solofela fa mpho eo, e e neng e tswa kwa ofising ya mopalamente wa kgaolo, e tlaa rotloetsa le go dira pharologanyo le gone go thusa bana go itlhokoletsa ditlhatlhobo.
Rre Morwaeng a re le ntswa a dumela fa barutabana ba engwe pele ke dikgwetlho mo tirong ya bone, seo ga sena go ba kgoba marapo mme ba tlaa dira pharologanyo mo tlhabololong ya ngwana.
O bile a kgothatsa maloko a dikomiti tsa batsadi le barutabana go tshwara ka thata mo maikarabelong a ba a tshegeditseng le go tshwaraganela thuto le barutabana go betla methale ya go tokafatsa seemo sa thuto mo dikolong.
Modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Motlhophi Leo, ene o akgotse maiteko a mopalamente a tsweletseng ka one a go godisa mowa wa go aba.
“A rotlhe re ithute mo go ene, ka go ela tlhoko fa gona le letlhoko mo gare ga rona, mme re thuse go dira pharologanyo mo matshelong a bangwe ka rona,” ga gakolola Rre Leo.
O bile a kgothatsa bogogi jwa dikolo gore bana ba engwe nokeng gore dithuso tse ba tsweletseng ka go di amogela di nne le motlhala. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Molepolole
Event : kabo dimpho
Date : 30 Aug 2020