Breaking News

Monna o tlaa arabela go baka dintsho

30 Aug 2020

Mbani Ngwako wa Gaborone o tlaa arabela molato wa go kgweetsa botlhaswa a bo a baka dintsho tsa batho ba le babedi.

Dintlha tsa molato di supa fa e rile kgwedi ya Phukwi  e le malatsi a le masome mabedi ka ngwaga wa 2014, Ngwako a baka leso la ga Phatsimo Tlharesakgotla le Letlhogonolo Masibi kwa Moshupa. 

Mosekisiwa o ne a supa fa a sa ipone molato mme a tlaa batla mmueledi go iphemela mo molatong o a o lebisitsweng. 

Ba bosekisi ba ne ba supa fa ditlhotlhomiso di weditswe, ka jalo kgang e tlaa tswelela kgwedi e e tlang e le masome a mabedi le bone.

Kagiso Laetsang wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabobedi wa Ledumadumane ene a re ga a ipone molato wa go kgweetsa selekanyo sa bojalwa mo go ene se feta se se letlelelwang. 

Go boletswe fa tiragalo eo e diragetse kgwedi ya Seetebosigo e le malatsi matlhano monongwaga kwa Kanye. 

O ne a tlhalosetsa lekgotla fa a tlaa batla mmueledi.

Lekgotla le ne la laola gore ba bosekisi ba neele mosekisiwa mekwalo yotlhe ya bosupi gore a ipaakanyetse tsheko, fa kgang e tlaa tswelela kgwedi e e tlang e le malatsi a le masome a mabedi le bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Kanye

Event : Tsheko

Date : 30 Aug 2020