Breaking News

Tsietso kwa dikerekeng e a tshwenya

30 Aug 2020

Khansele potlana ya Maun e tshwenngwa ke go ntsifala ga dikereke tse bangwe ba reng di tsietsa maloko. 

Makhanselara a kgaolo e, a supile matshwenyego a bone mo bokopanong jwa khansele bosheng. Ba re baruti ba dikereke dingwe ba tsietsa maloko ka go ba duedisa madi.

Mokhanselara wa kgotlana ya Boro-Senonnori, Rre Kenson Kgaga, a re go botlhokwa gore lekalana le le lwantshang borukutlhi le tshenyetso setshaba la Directorate on Corruption and Economic Crime (DCEC) le kgaleme seemo sa go nna jaana ka go dira ditlhotlhomiso tse di tseneletseng. Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Bareetsi Bogaisang, le ene o ne a kopa DCEC gore e beye leitlho seemo sa go ntsifala ga dikereke, a tlhalosa fa go na le dikereke tse disha tse di dirileng mekhukhu ebile a re di salwe morago gore di dira madi a mantsi gole kae ebile a isiwa kae.

Mokhanselara wa Boseja Bokone, Rre Limit Banyatsang, ene o ne a supa fa a tshwenngwa ke seemo se go fitlhelwang dikgang tsa tshenyetso setshaba tse di amang baeteledipele di tsaya nako ebile go felela go sa itsiwe gore di feletse kae mme tsa ba ba kwa tlase di sekwa ka bonako.

Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara wa Shorobe-Matsaudi, Rre Oabile Chombo o ne a gwetlha DCEC go baya leitlho bodiredi jwa makalana a ditlhabololo tsa metse ka a re go na le tshenyetso setshaba e ntsi e e diragalang mo go one.

Modiri go tswa kwa ofising ya DCEC kwa Maun, Mme Florence Matome, o ne a supa fa lekgotla la bone le ikemiseditse go sireletsa setshaba kgatlhanong le dikereke tse di jang batho ntsoma.

Ka jalo ba itshwaragantse le makalana a mangwe a tsa madi jaaka la Financial Intelligence Agency (FIA) go tlhodumela dikereke tse di tsietsang batho ka go ba jela madi. 

Mme Matome o ne a tlatsa ka gore go na le dikgang tsa tshenyetso setshaba tse di dirwang ke dikereke dingwe tse ba di begetsweng ebile ba di setse morago. Fa akgela ka tsa makalana a ditlhabololo tsa metse, Mme Matome o ne a dumela fa go le boammaruri ebile ofisi ya bone e amogetse dipego tse dintsi tsa tshenyetso setshaba.

Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa ofisi ya gagwe e itshwaragantse le dikhansele go tsibosa maloko a makalana a ditlhabololo tsa metse kgatlhanong le borukutlhi.

Mmereki yo mongwe kwa DCEC, Mme Gabadithong Vranken, ene o ne a tshwaela fa go le motlhofo go latedisa borukutlhi jo bo dirwang ke batho ba maemo a a kwa tlase go na le ba dirang ditogamaano, a re seo se dirwa ke gore melato ya ba ba kwa tlase e na le motlhala go na le ya batho ba ba tshwereng maemo a a kwa godimo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Maun

Event : Bokopano jwa Khansele

Date : 30 Aug 2020